text
stringlengths
0
40.2k
"Pegelo ya Dipatlisiso tsa Palo ya Badiri mo Kotareng."
"Legato lengwe le lengwe le na le maikarabelo gongwe ditiro tsa lona . "
"Molao wa Khomišene ya Ditshwanelo tsa Batho ya Aforika Borwa, wa ngwaga wa 2013 o letlelela gore megolo, madi a ditshenyegelo tsa go diragatsa tiro mmogo le melao le melawana e mengwe e diragadiwe ke Moporesitente ka tirisanommogo le Kabinete mmogo le Tona ya Matlole."
"“Dilo tse di subegileng ke tsa ga Jehofa Modimo wa rona, mme dilo tse di senotsweng ke tsa rona le tsa bana ba rona ka bosakhutleng, gore re tle re dire mafoko otlhe a molao o.”"
"Tshwaragano ya kontinente e itshamile ka manaane a Mokgatlhokitlano wa Aforika (AU) go fitlhelela ponelopele ya yona jaaka go tlhagisitswe mo Lenaneong la Merero la 2063."
"Thupa le kgalemelo di naya motho botlhale, mme ngwana yo o lesiwang fela o tlhabisa mmaagwe ditlhong."
"A tla fela ka lobaka loo, a leboga Modimo, a bua ka ga gagwe le batho botlhe ba ba lebeletseng thekololo ya Jerusalema."
"Tuelo ga e tlhokege . "
"Letsatsi lengwe Mmualebe o ne a reeditse seromamowa sengwe se gasa thulaganyo e mo go yone batho (bareetsi) ba neng ba bodiwa dipotso."
"O ka bo o lemogile gore fa gautshwane jaana re tsentse dikgang ka Dipeo tsa Oli mo makasineng o - se ke ka ntlha ya tlamelo ka matlole go tswa go Oil and Protein Seeds Development Trust . "
"(b) Tona, e tshwanetse go buisiwa aaka taelo go Kgotla Khuduthamaga; le"
"Seno se latela mokete wa thankgoolo kwa Port Nolloth e e kwa Kapa Bokone.2 DAFF le yona e dirile dikatiso tse di tseneletseng go ka unngwelwa bogolosegolo basadi ba ba nnang mo metseng eno."
"Gantsi di ka baka loso la dikgogo, bogolosetonna jwa ditshuenyana le dikgogo tse di bokoa."
"Lekgotla la Tshireletso la Dinagakopano (UNSC)."
"mme yo o go laleditseng nae a tla, a go raya a re: ‘Sutela monna yo;’ foo o simolole go tsaya setulo se se kwa morago ka ditlhong."
"Mo pitsong e mo go yone Mametlelelo e, e dirang, motshwaramarapo o tshwanelwa"
"Kwa bofelong ba Kereiti ya 10 moithuti yo o fitlheletseng dithuto ka bontlhanngwe a ka : bua le go tlhagisa ditlhangwa ka kabakanyo e kgolo e bile a tlhagisa ka sewelo ditlhangwa tse di nang le nyalelano le tomagano ya dikakanyo ; dirisa ka sewelo puo e e bontshang tshisimogo le tlotlo ; kgona go le gonnye go reetsa ka tsenelelo go lemoga , ranola , sekaseka kgotsa go tlhalosa tshedimosetso ; kgona go le gonnye go tlhaeletsana ka nonofo mo maemong a a tlwaelegileng mme o tlhoka thelelo le go itlhalosa mo maemong a a farologaneng a tlhaeletsano . lemoga le go ranola ditlhangwa ka bothata ka sewelo a thusiwa fa a buisa le go lebelela mme a nna le bothata jo bogolo fa a sekaseka le go tlhalosa tshedimosetso ; bontsha go tlhaloganya ka sewelo mme a kgona go le gonnye go tshegetsa dikakanyo ; buisetsa kwa godimo ka go okaoka le ka maikutlo ; bontsha tshisimogo mo dikakanyong tsa ba bangwe le mo go tsa setso ka sewelo . kwala le go tlhagisa ditlhangwa fela ka sewelo di bontsha nyalelano , tomagano le boitshimololedi ; ka sewelo kgona go le gonnye go kwala go ya ka baamogedi , maitlhomo , maemo le dikagego tse di farologaneng ; rulaganya dikakanyo le dintlha tsa tshegetso a itemogela bothata le fa a bona thuso ; bontsha bosupi jo bonnye jwa setaele sa gagwe ; boeletsa le go baakanya diphoso fela a itemogela bothata le fa a bona thuso ka metlha . "
"Mo nakong eno, Slizer o sa ntse a emisitse go diragatsa ntswa mogala wa gagwe o lelela boatleng jaaka tloloko ya kgomo ya setsenwa."
"Fa o sa kgone go fetola dilo , go raya gore o tlhoka go bona thuso go tswa mokgatlhong o o diranang le mefuta e ya mathata ka letsatsi . "
"Moporesitente o tlile go kopana le Ditona go tswa kwa Setlhopheng sa JCPS kgantejana."
"Monongwaga, meletlo ya Ngwagakgolo wa Mandela o dira karolo e kgolo ya beke ya beke ya tsepamisomogopolo, ka fa tlase ga setlhogwana: “Nna letlotlo”."
"Pegelo eno e tla abelanwa le baagi fa e sena go feta mo diatleng tsa badiramelao kwa Palamenteng."
"Morero o o tla bo o le fa pele ga dikgotlatshekelo gape mo matsatsing a le 20 mme puso e tla neela letlhakore la yona ka dingangisano tseno ka motsi oo."
"Tumelano e e ka ga go Babalela ka Namana Didirisiwa tsa Nyutlelia ke sedirisiwa se le nosi fela se se bofelelang mo kgaolong ya Tumelano e e ka ga go pabalelo ka namana ya didirisiwa tsa nyutlelia."
"Morago ga dipotso tse , leboko le ka buisiwa mola ka mola mme go tlhaloswa mafoko a barutwana ba ka tswang bas a a itse . "
"Ditserentsepa tsa bana ba basimane"
"Fa leboko le le ithutiwa , kgotsa le buisiwa , mmuisi a ka se kgwe mowa mo go "" a nna "" . "
"Fa tlhatlhobo e e rebotsweng ya laesense ya go ithuta go kgweetsa e falotswe , laesense ya gago ya go ithuta go kgweetsa e tla dira sebaka sa dikgwedi di le somerobedi go tloga ka letsatsi la tlhatlhobo . "
"Ba ba tsileng go supa, ba se ke ba nne bantsi; tse di tsileng go supiwa le tsone, di se ke di kgatlhe."
"Ke ka moo , thulaganyo ya dikwalwa tse e seng poko fa di rulagantswe jaana re re di tsere thulaganyo ya poko . "
"Botlhoka molato jwa bathokgami bo tlaa ba goga, mme lesoko la ba ba bongowane le tlaa ba senya."
"19h00 Monnasetilo wa komiti kgalemo ya ANC Derek Hanekom a re a ka se bolotse dipatlisiso kgatlhanong le maloko a a amegang mo diEmeiling tse di sutlhisitsweng tsa ba lelapa la ga Gupta."
"Gaale morwa Ebete a re: “Abimeleke e bo e le mang, le Shekeme e mang, fa e bo ne ne go twe re mo direle? A ga se ene morwa Jerubaale? Sebule ke kgosana ya gagwe? Lona lo direle banna ba ga Hamore rraagwe Shekeme, mme rona re tlaa bo re mo direla ka ntlha yang?"
"Otse: Balete ba ba neng ba tswa Aferika Borwa ba i le ba thibelela kwa Otse. Otse o ne a bidiwa Letsekela ka mabaka a motswedi wa metsi go tsweng mo lentsweng, go ne jaana go na le letamo gautshwane le sekolo se sebotlana. Otse ka tlholego e ne le moraka mme moragonyana a fetoga go nna maemelo a diterena. Lefelo le ne le tletse ka merafe e farologaneng e a karetsa Mandebele a Transvaal, Bahurutshe, Baherero, Bakaa, Batswapong le Baxhosa. Makgoa a ne a bitsa Otse bare Otsi. Ka fa tlase ga bogosi jwa ga Kgosi Baitlotli go ne go na le batho ba le bantsi thata mo kgotleng ya Ntlha ya godimo, se se ne sa pateletsa kgotla go sutisetswa kwa Ntlha ya tlase go thusa mo kgodisong ya motse le go thusa go o ketsa dipalo tsa dikgotla. Kgosi Maletenyane II o ne a tsaya bogosi mo go rragwe. Ngwana wa gagwe wa mosimane o ne a bitswa Israel kgotsa Tsoorre o ne a tsena mo bogosi morago ga gore rragwe a tlhokafale. Kgosi Israel o ne a berekela ko Aferika Borwa mme o ne a tsisiwa mo gae go tla go busa go simologa ka dingwaga tsa 1964 go ya ka 1999. Ngwana wa gagwe ebong Rre Ronald Tsetse o ne a tsaya bogosi go fitlhelela ka ngwaga wa 2005 fa a tlhokafala. Ka ngwaga wa 2006, morwarragwe Ronald Tsetse e bong Mothusi Tsetse o ne a tsaya bogosi. Kgotla e kgolwane e bitswa gotwe Maletenyane mme go na le dikgotlana di le supa."
"Mongwe le mongwe yo o neng a le Moporesidente, Motlatsa Moporesidente, Tona"
"Go Atolosiwa ga Paka ya go Nna mo Tirisong ga Molao wa Taolo ya Maemo a Masetlapelo a Naga Kabinete e neseditse pula tshitshinyo ya Lekgotla la Naga le le Jarileng Maikarabelo a Mogare wa Corona (NCCC) e e tshitshinyang dikgato tsa go atolosiwa ga paka ya go nna mo tirisong ga Molao wa Taolo ya Masetlapelo a Naga go fitlha ka la bo 15 Ferikgong 2022, go ya ka Karolo ya bo 27(5) ya Molao wa Taolo ya Masetlapelo a Naga wa ngwaga wa 2002 (Molao wa bo 57 wa 2002)."
"Dipalopalo tsa bosenyi ke tshupane ya botlhokwa ya ntwa ya puso kgatlhanong le bosenyi ka semphato le baagi, badiri le kgwebo."
"MOKGWA O O TLA DIRAGADIWA KA DI . . . MME MORAGO GA FOO GO SE NNE KWALELANO E E KA DIRWANG MO DIFAELNG GO TSWA MOKGWENG WA BOGOLOGOLO . "
"Batho ba ba ne ba ise ba ba amogele setso le mekgwa."
"Jehoiata a tsofala, a nna malatsi a a tletseng, mme a swa; mme a re a swa a bo a le dinyaga di le 130."
"Pegelo e tshwanetse go neelwa Setlhopha sa Tiro sa Pipamolomo sa OECD."
"Gape, fa TAFIC e ntse e nna popota go ka mekamekana le mekaloba ya BTC, boradikgwebo le dikompone ba ka tiya moko mme ba e thusa ka madi."
"Motlatsa monnasetilo wa pele wa IEC Terry Tselane, a re go dira boruni mo tsamaisong ya ditlhopo ke go amogela fa IEC e lebanwe ke mathata a a masisi, le pastor Shepherd Bushiri le mogatse Mary ba boela kwa kgotlatshekelo e e malebana le bosenyi ba kgwebo kwa Pretoria tebang le tsietso le tsamaiso e e sokameng ya madi.. Tse le tsedingwe ka botlalo le Reoneetswe Merceds Nkoane mo ureng ya borobedi mo Motsweding FM...iframe width560 height315 srchttpswww.youtube.comembedDicCHQNWaNM frameborder0 allowaccelerometer autoplay encryptedmedia gyroscope pictureinpicture allowfullscreeniframe"
"Go gokaganya lenaane la neelo ditirelo la seteropo . "
"La ntlha mo hisetoring ya temokerasi ya rona, basenyi ba ba dirisitseng botlhaswa ditlamelo tsa setšhaba le boikanyego, ba senotswe mme ba rwesiwa maikarabelo a ditiro tsa bona mo phatlhalatseng."
"Di-imeile di ikatisediwa mo khomputatreng go netefatsa gore o itse dikarolwana tse o tshwanetseng go di dirisa go romelale go amogela imeile . "
"O a tle a je a swetse moopa yo o sa tsaleng; ga a direle mosadi wa motlholagadi molemo."
"Ke ngwana yo o tswang mo lelapeng la batho . "
"WISA e tla tshwarwa ka fa tlase ga setlhogo: “Matlafatso ya basadi ya ikonomi mo lefatsheng la tiro le le fetogang”, se se nyalanang le morero wa Khomišene ya Ditšhabakopano ka ga Kemo ya Basadi wa 2017."
"Fa katlholo e setse e rebotswe , Kgosi gongwe Kgosana gongwe Mothusi e nna functus officio . "
"Tsotlhe fela di ya felong go le gongwe fela; tsotlhe di tswa mo mmung, mme tsotlhe di fetoge mmu gape."
"Moithuti o kgona go bua le ge buisana ka go itshepa le ka nonofo mo mabakeng a a farologaneng . "
"KGAOLO 13: DITŠHELETE"
"Pabalesego kwa dikolong.1 Kabinete e kgalema ka mafoko a a bogale ditiragalo tse di begilweng tsa go bogisana, go kgothosiwa le ditiragalo tsa dikgoka tse di itshupileng mo dikolong tse dingwe ka fa nageng."
"Lefapha la Ditsela le Dipalangwa le tlhomile diboto tsa dipapatso go bapa le ditsela tse dikgolo tse di farologaneng . "
"O ne a nna setlhabelo mo boineelong jwa gagwe jwa go batlela Aforika Borwa kgololesego."
"Setlhoa sa leeto e tla nna Foramo ya Kgwebo ya Aforika Borwa-Zimbabwe e e rulaganyeditsweng go tshwarwa ka la bo 9 Moranang 2015 e maikaelelo a yona e leng go oketsa kgwebisano le dipeeletso gareng ga dinaga tse pedi."
"reetsa httpsiono.fme348212"
"Taolo ya Maemo a Masetlapelo a Naga."
"Difefôfako gantsi di tsaya sebaka sa metsotso e ka nna 15 mme gantsi di direga mo gare ga motshegare goya kwa thapameng."
"Dafite le Abišai ba tla mo bathong bosigo; mme Saule a bo a robetse ka fa teng ga maemo a makoloi, lerumo la gagwe a le tlhomile mo mmung fa tlhogong ya gagwe; Abenere le batho ba bo ba robetse tikologong ya gagwe."
"tlhatlhelwa ga batho bao."
"Matlhare a bogolo jo bo mo magareng, kgolokwe ka ditsebe tse tharo mme a na le mmala wa botala jo bo tseneletseng."
"Ke go palelwa ke go tsamaya gonne a nole bojalwa thata / gongwe a tagilwe . "
"Ka letsatsi le dipampiri di gorogang , tlhomamisa gore palo ya ditlhatlhobo e siame le gore dipuo di siame . "
"Totadikgang di ne di rile Rre Lekganyane,mookamedi wa kereke ya Sione, ke eneka sebele a tlaa bong a tsile go rapelelapula le lefatshe ka kakaretso."
"Thekenoloji , Setšhaba le Tikologo : Moithuti o kgona go supa go tlhaloganya kgolagano e e fa gare ga saentshe , Thekenoloji , setšhaba le tikologo mo tsamaong ya nako . "
"Tlhalosa kakanyokgolo le dintlha tse di rileng tsa moraba , mme a di golaganya le maitemogelo a gagwe a botshelo . "
"Monongwaga, o ledile thata go feta dinako tse dingwe ka gonne Attie o ne a se fa thoko ga gagwe."
"Eyang le letshe Moloto mohlaloga le mmotse le re Mokone bogosi o bo tswaletswe."
"Baamogeladitshiamelo ba na le tshwanelo malebana le gore ba dirisa madi a , go duelela ditirelo kgotsa go aga matlo kgotsa tsotlhe tse . "
"Go tshwanetse ga rutiwa poko e seng maboko . "
"Ka dipounama tsa me ke kakantse dikatlholo tsotlhe tsa molomo wa gago."
"“A monna o ka dirana le molemo mo Modimong? Ruri yo o botlhale o tlaa bo a na le go itirela molemo ka esi."
"Nelia Engelbrecht - tel (018) 299 4937 kgotsa Lebokoso la mo teng ga setheo la 260."
"“Gonne e tlaa re mo motlheng o ke kgophololelang Iseraele ditlolo tsa gagwe ka one, le gone ke tlaa kgopholola dibeso tsa Bethele, mme dinaka tsa sebeso di tlaa kgaolwa, di wela fa fatshe."
"Ke tsholeletsa mowa wa me kwa go wena, Jehofa."
"O se ke wa gotlholela kgotsa wa ethimolela fa gaufi le dijo . "
"Ditena tsotlhe tsa moago o o thubilweng di ne tsa tlhokomelwa , mme tse dingwe tsa tsona di dirisitswe mo kagong ya Kgotlatshekelo e ntšhwa . "
"Monna le morwadi yo montle ka Dipale . "
"Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 6 DBE/Ngwanaitseele 2014 NSC – Memorantamo KAROLO YA C: TIRISO YA PUO Mokgwa wa go tshwaya Karolo C • Mopeleto: Karabo ya lefoko le le lengwe e abelwe leduo le fa mopeleto o fosagetse ntle o fela le fa phoso e fetola bokao jwa lefoko. Fa dikarabo e le dipolelo tse di tletseng, mopeleto o o fosagetseng o sokelwe o dirope fa phoso e le mo ponagalong ya puo e e tlhatlhobiwang. Fa go tlhatlhobiwa dikhutshwafatso, karabo e tshwanetse go nna le matshwao o a puiso a a nepagetseng. • Dipopego tsa polelo di tshwanetse go latela melawana ya dipopego tsa puo ka nepagalo e bo e tlhagisiwe ka dipolelo tse di tletseng/go latela taelo. • Mo dipotsong tse go tlhophiwang karabo e e nepagetseng mo go tsona, amogela tlhaka e e nyalanang le karabo e e nepagetseng LE/KGOTSA karabo e e kwadilweng ka botlalo. POTSO 3 3.1 A/Pretoria News (1) 3.2. Modirisotaelo (1) 3.3. Batlana/batlele/dumelegeng (1) 3.4 3/tharo/meraro/5/tlhano (1) 3.5 Ee, motho a ka leletsa dinomoro tsa mogala tse di tlhagisitsweng a batla tsela. Nnyaya, fa o sa kgone go letsa o ya go tlhoka tshedimosetso ya aterese ya kwa dikantoro di leng gona./Leina la lefelo ga le a fiwa. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko). (2) 3.6 Go ngoka babuisi gore ba tle ba lemoge leina la kgwebo ya dithoto. (2) 3.7 Ee, go na le batho ba ba tlhokang dikago go ka di dirisetsa dikgwebo tsa bona/batho bangwe ba tlhoka matlo a go dula/ditoropo tse dingwe ga di na lefatshe la go ka aga dikago tse dintšhwa. Nnyaya, batho ba ka nna ba ikagela dikago tse ba di tlhokang. (Dikarabo tsa batlhatlhojwa tse di nepagetseng di elwe tlhoko). (2) [10] POTSO 4 4.1 C/O mo utlwela botlhoko ka ntlha ya se se mo diragalelang mo botshelong. (1) 4.2 Tholo, tshukudu, lengau, thutlwa. (Di le pedi fela) (2) 4.3 Eng?/ Ke eng? (1) Kwalololo e ileditswe Phetla"
"Kabinete e ikuela go batsadi le batlhokomedi go netefatsa gore bana ba soutisiwa kgatlhanong le malwetse a bana."
"Ka go ne ke a thoriso , mmoki o ne a boeletsa mafoko mangwe gantsi go gatelela se a se kayang mme ka tsela eo a kgona go tshwaraganya se a se tlotlomatsang . "
"Le gale re tla sekaseka dintlha tse mo thutong e e latelang . "
"Jalo ba pega Hamane mo sefateng sa polaelo se o ne a se baakanyeditse Moretekai. Foo bogale jwa kgosi jwa kokobela."
"A tsena mo mokorong, a kgabaganya letsha, a tla go fitlha mo motseng wa ga gabo."
"Ba sokologa, ba fitlha kwa Enamišepate ke go re Kateše, ba kgemetha lefatshe lotlhe la Baamaleke, le la Baamore ba ba neng ba agile mo Hasasone-tamare."
"Seno se tla tlhoka kakanyo ya nako e telele ka pono e e bonalang le boleng tse di tla kaelang tiriso ya jaanong ya metswedi go tlhomamisa kamogelo ya bona ya nako e telele . "
"Pelo ya ema tsi ! motsotswana . "
"Motlakase."
"Mabi a bone ga a ketla a tswa diaparo, le gone ga ba ketla ba ikapesa ka ditiro tsa bone; ditiro tsa bone ke ditiro tsa boikepo; tiro ya thubakanyo e mo diatleng tsa bone."
"Ga se amane le dilo tse di tukang tse di ka se kgontshang go fetisetsa molelo wa naga go se kgabaganya . "
"Maitlhomo a mangwe gape a ona ke go gagamatsa pabalesego ya badiri mo mafelotirelong a bona."
"Letlhomeso la kharikhulamo ya Bosetshaba ya Afrika Borwa ya go simolola ka bana ba ba sa tswang go belegwa go ya go dingwaga di le nne (NCF) Maikaelelo Dikaelo tsa Kgolo tsa Masea, Dikao tsa ditiro tsa Bagolo le Dikaelo tsa tlhatlhobo tse di Banyana le Bana ba Bannye Bana ba Bagolwane tse ba ka di atologileng tsa go bogela, go dirang fa o dira le Masea, Bana le reetsa, go tsaya dintlha, go Bana ba Bannye bega, go buisana le batsadi le go fetisetsa kwa go moitseanape fa go tlhokega. Go ya Mophatong wa R Go ya Mophatong wa R Bana ba tswelela pele jaaka fa Tswelela ka ditirwana tse di godimo le fetileng gape Ÿ go tshameka ka diletswa Ÿ rulaganya setlhopha sa bana (meropa, ditshikinngwa, ba dirisa diletswa tse di dikhutlotharo) ka go farologaneng tsamaisana le mmino o o Ÿ tshitshinya setlhogo sa kgang tswang mo seyalemoyeng mme o thuse bana go tlhama kgotsa ka go opela kgang/pina/raeme le go di Ÿ tlhama dipina le diraeme le diragatsa dipina tse di nang le tswina Ÿ itshimolole dikgang tse o tlaa di diragatsang Ÿ itshimolole dikgato le metsamao go etsisa diphologolo, dijalo le dilo mo kgannyeng 69"
"Samuele a re: “Ana go lela ga dinku mo tsebeng tsa me, le go lela ga dikgomo mo ke go utlwang go kayang?”"
"Letsatsi la Lefatshe la go Tlhotlheletsa Twantsho ya AIDS Naga ya Aforika Borwa e tla keteka le lefatshe mmogo le go nna le seabe mo ditiragalong tsa go bontsha tlotlo Letsatsi la Lefatshe la go Tlhotlheletsa Twantsho ya AIDS ka la bo 01 Sedimonthole 2022 ka molaetsamogolo yo o reng: “Dira Gore Maemo a Batho a Lekalekane le go Golagana mo Mererong ya go Fedisa AIDS”."
82
"18h00 Maloko le baemanokeng ba lekoko la UCDP ba tlhotse ba kokoane mo Mahikeng mono North West, mabapi le go thankgolola bukana ya maikaelelo a lekoko, a ditlhopo tsa dipuso selegae..."
"Go tlaa dirala go re fa o utlwa ekete modumo wa ba ba tsamaelang gongwe mo dikaleng tsa ditlhare tsa malubere, foo o tswele go tlhabana; gonne Modimo o ile kwa pele ga gago go ya go kgemetha ntwa ya Bafilisitia.”"
"Fela wena o itse botoka . "