text
stringlengths
0
40.2k
"Maikutlo a tshabo le tidimalo a dira gore barutwana ba se ka ba itlhalosa fa pele ga ba bangwe , le go nna batlhaletsi ba ba botoka . "
"Ka a na le ngwana wa mo-na-le bogole, Rre Ramateke o ne a gwetlhega go tsenya letsogo mo go tlhatlheleleng baithuti ba ba-na-le bogole tiro ya diatla ka ba e tlhaloganya botoka go na le ya ditlhaka."
"Sebe sa phiri ke gore gona le bana bangwe ba ba santseng ba tsholwa ka mogare."
"Karolo ya 1 ( 4 ) ( b ) ya Molao wa Tatelano ya Boswa fa go sena lekwalo la kabo ya boswa le yona e ne ya tlhomamisiwa e se mo molaotheong malebana le fa e sa akaretse tiragatso ya karolo ya 1 ya Molao malebana le boswa bongwe le bongwe fela gongwe karolo ya boswa bongwe le bongwe fela e e leng gore karolo ya 23 ya Molao wa Tsamaiso ya Bantsho e dira mo go yona . "
"Melekiseteke kgosi ya Saleme a tswa a tshotse senkgwe le bojalwa jwa mofine; a bo a le moperesiti wa Modimo Mogodimodimo."
"Bakaedi ba nakwana ba Boto ya Setheo sa Matlole a Dikgwebopotlana: Ms Mphokolo Makara Adv Nomathemba Mlonzi Ms Delicate Mabuza Mr Martin Mahosi Mr Justice Kganyago"
"Boikgakantshi jwa Aforikaborwa go nna naga ya bofelo , mmogo le East Timor , go bona kgololosego ke gore naga ya rona e na le bopupi jo bontsi jwa masaledi jo bo kayang gore la rona ke lefatshe le mo go lona batho sa ntlha ba tswang mo go lona . "
"Mo kgatong e re umakelwa gore e kete go tla nna le kgotlhang . "
"Ga se Lorato : M.J. "
"Kabinete e fetisitse go itsesewe ga Molaotlhomo o o Baakantsweng wa Bafudugedi, wa 2015 kwa Palamenteng."
"Jehofa o bua jaana, a re: “Bonang, go tla tšhaba nngwe e tswa lefatsheng la botsheka; le morafe mongwe o mogolo o tlaa tlhotlhelediwa o tswa dikhutlong tsa bofelofelo tsa lefatshe."
"PUOTLALELETSO YA BOBEDI MEPHATO 7 – 9 ANAWALEM ID olakob/gnakgnanakob gnetar ak EST ay ID og EST( EL )GNESTEMEKI id EL GNEWSTNAGATOL as ohtab OUP 1 EL olonob o est astib isolahltam gnosirit ostenagk AST E el/gnatar ostafawhstuhkiD ARU og anob istnob/ewgnob OGEPOPID id ast el om est iynapokam ay / olemut istobam opokiD id awgkem a omeam osiridem osigahltiD idoahltam ipusam otelepom okofoltolt o iuram est .gnewlihpohlt gnewstisirid og ASIGAHLT es ast el ahltn es gnotagkid ostopid .oakes etneruhšteser alawk EL e id :onasiriT oritosteynakaap ast OG e E ast gnagkotiht est awgnahltid og EL ARU ohstnawhstid ,ak om el olelopid ALAWK onasiumm olopogom aynagelest as idemahltioB awgnahlteS om asteleob asigahlt ak alawk gnalagarid ak arid 4 obarakid OG ORAHTIDEWGK esitaki aleen .aniam alawK asitot :alawk oG oG oG oG oG • • • • • atufem gnagkotiht ast ALELEBEL /ohstnawhstid oynagolahltaket 9 .oakes OTAHPOM ak es gnetneruhšteser onopawgnahltid ak es 1 EL ,gnagkotiht .ojid onasiup/onasiumm .oakes OG E EL ARU asiub ay gnenagoloraf ,gnewlihpohlt ast ASIUB og ak om ostopid asiub :olelenest el ojidenanel gnalagarid .onasiumm OG alelebeL asiub abarA oG e eL e e e e ojid .ojid alelebel gnagkotiht ay al AUB opok gneleknebel/gnetneruhšteser og .onop :aynagolahlt ag OG 1 ak aynest :gnamamohlt ogarom as EL EL .oakes awgnahltes ASTEER E ARU o ewgnom ostopid og ,onasiup asteleer OG as asiub alegobist - e asteeR awhštn e ouP og oG om el EKEBID 2 el 1 68 PEGELO YA PHOLISI YA KHARIKHULAMO LE TLHATLHOBO"
"tlhalositsweng mo Karolo B ya Mametlelelo 3."
"Ka mokgwa o , batho ba selegae ba ka gwetlha Kutso ya Botlhale e e neelwang bangwe ka ditiro tse e leng tsa bone ka tlholego . "
"Gape lo a tle lo re: ‘Bonang, ke letsapa le legolo jang!’ Mme lo le dupeletse fela,” go bua Jehofa wa masomosomo. “Lo lerile se se gapilweng ka thata, le se se tlhotsang, le se se lwalang; lo lere tshupelo jalo. A ke tshwanetse go amogela se mo seatleng sa lona?” Go bua Jehofa."
"Boto ya GEPF sešweng jaana e tlhomile kantoro e e tla samaganang le dingongora go netefatsa gore dikeledi tsa ditokololo tsa letlole leno mmogo le ba malapa a bona ga di wele mo fatshe. Kantoro ya Moombate wa Letlole la go Tlamela Badiredi ba Puso fa ba Rola Tiro (GEPO) ke kantoro e e leng ka fa gare ga setheo sa GEPF mme fela yona ga e tsee letlhakore.
GEPF ke e nngwe ya ditheo tse dikgolo mo lefatsheng tsa matlole a go rola tiro, e na le ditokololo di le 1.2 milione ba ga jaana ba santseng ba le mo tirong, le batlhankedi ba ba rotseng tiro mmogo le bajalefa ba bangwe ba feta ba le 450 000. Letlole leno le tlhomilwe le go laolwa go ya ka Molao wa Letlole la go Tlamela Badiredi ba Puso fa ba Rola Tiro.
Moatefokate Makhado Ramabulana ke ene yo a tha pilweng go nna Moombata. A re kantoro eno e tlhomilwe ka maitlhomo a go thusa batho ba ba sa kgotsofadiweng ke ditirelo tsa GEPF.
Kantoro eno e tla tswela mosola batho ba ba senang dithata tsa go ka isa setheo seno kwa kgotlatshekelo.
Pele batho ba tseela setheo seno dikgato ka go se buletsa kwa Kantorong ya Mosire letsi wa Setšhaba kgotsa go se isa kwa kgotlatshekelo, ba ka ikopela mo go Kantoro ya Moombata go ba thusa go rarabolola matsapa a ba nang le ona le setheo seno.
Kantoro ya Moombata e tla thusa go rarabolola matsapa a a tsamaisanang le tiego ya go duelela badiradikopo mo go nang le mabaka a a sa utlwagaleng a a tlhodileng tiego eno. Kantoro eno e tla thusa go rarabolola fela di ngongora tse di nang le sebaka sa dingwaga di le tharo di ise di rarabololwe.
Dingongorego tse dingwe tse di welang mo matsogong a GEPO ke tse di latelang:
• Fa batlhankedi ba setheo seno ba sa dire tiro ya bona go ya ka melao le melawa na ya Letlole leno;
• Go se diragatse tsholofe tso ntle le go tlhalosetsa motho mabaka a a utlwa galang a go se diragatse tsholofetso eo; mmogo le• Fa motlhankedi wa GEPF a abelana ka tshedimose tso e e fosagetseng kgotsa e e latlhetsang.
Pele motho a romela ngo ngora ya gagwe kwa kanto rong ya GEPO, o tshwanetse a simolole pele ka go kwalela GEPF ka ngongora yagagwe kgotsa a kwalele Setheo sa Tsamaiso ya Letlole la go Tlamela Badiredi ba Puso fa ba Rola Tiro (GPAA) kgotsa a kwalele mothapi wa gagwe mme a ba neye sebaka gore ba ipatlisise ba tle ba kgone go tsibogela ngongora ya gagwe.
“O tla tshwanelwa ke go ba naya sebaka sa matsatsi a le 30 gore ba rarabolole matsapa a a leng teng. Fa matsatsi a le 30 a ka feta mme ngongora ya gago e ise e rarabololwe, ke teng mo o ka romelang ngo ngora ya gago kwa go Kantoro ya Moombata,” Ramabulana o tlhalositse jalo.
Kantoro ya Moombata ga e kitla e samagana le ngongora e e setseng e le mo diatleng tsa setheo se sengwe se se dirang dipatlisiso tsa semmuso ka ngongora eo.
“E tla re morago ga dibeke di le pedi ngongora e setse e amogetswe GEPO ya sekaseka ngongora eo mme ya tsibosa mong wa ngongora gore e tla sala morago kgotsa e ka se kgone go sala morago ngongora ya gagwe.”Fa Katoro eno ya Moo mbata e re e ka se kgone go sala morago ngongora ya mongongoregi, mongongo regi a ka kwalela Katoro eno pele ga matsatsi a le 21 a ka feta, morago ga go amogela karabo eno go tswa mo ka ntorong eno, go e tlhalo setsa mabaka a gore goreng a dumela gore ngongora ya gagwe e tsamaelana sentle le tiro e e welang mo diatleng tsa yona.
"
"E gogiwa ke terekere mme e pitikolola mmu . "
"Mokwaledi Kakaretso wa Ditšhaba Kopano . "
"Molao o o tlhalositsweng karolotlaleletso (3) e tshwanetse go ela tlhoko botlhokwa"
"Menontsha , Difuru tsa Polasa , Dithusi tsa Temothuo le Dithusi tsa Leruo ( Molao No 36 wa 1947 ) o ne wa tlhagisiwa go tlamela ditsela le mekgwa e e siameng ya go tsamaisa kwadiso ya menontsha , ya difuru tsa polasa , ya Dithusi tsa Temothuo , ya Dithusi tsa Leruo , ya Ditlhare tse di Opafatsang le ya Badirisi ba Taolo ya Diji . "
"Go botoka thata go bona kgakololô gotswa go moitseanape wa peo wa gago wa selegae le motlhankedi wa tsa temô."
"“ ‘Yo o nang le tsebe, a utlwe se Mowa o se buang le diphuthego. Yo o fenyang, ke ene yo ke tlaa mo nayang go ja setlhare sa botshelo, se se mo Parataisong ya Modimo.’"
"Dikgato tseno tsa boitshimololedi di tla eletsa ikonomi mo nakong e e masisi ya kgolo e e iketlileng ya ikonomi ya lefatshe."
"0300 0600 Gaabo Motho le Sammy Rankoana O tsosa mang kgotsa o godisa mang gompieno. Are tsoge mmogo Afrika Borwa. 089 860 5665...."
"Mo tseleng nngwe le nngwe ya botlhe moo dirori tse di emisitsweng di ka bakelang badirisi ba tsela kotsi . "
"07h00 Tona ya lefapha la sepodise Fikile Mbalula a re dipolao tsa kwa dipolaseng ke tlhoba boroko."
"Ke tlaa ba tsosetsa sekgwana se se tlaa tumang, ga ba ketla ba tlhola ba nyelediwa ke leuba mo lefatsheng, le fa e le go tlhola ba belega botlhabisa ditlhong jwa baditšhaba gope."
"Khubu ya gago e ntse jaaka phafana e e kgolokwane, e go sa tlhokafaleng bojalwa jo bo tlhakantsweng mo go yone; mpa ya gago e ntse jaaka mokoa wa mabele o o dikanyetditsweng ka dithunya tsa masoma."
"Kgosi ya Mmea, Rre Polsona Keitlhaganetse o ne a lebogela tona go ba tlhola gangwe le gape, a bo a lebogela dipalo tse di okeditsweng tsa khiro ya Ipelegeng."
"Fa go na le tshedimosetso e e sa itsiweng , tlogela phatlha ya lebokoso . "
"Mebila ya motse e tlaa tlala tshimane le tshetsana, ba tshameka mo mebileng ya one.”"
"Ga dirala ya re ba sena go ba ntshetsa koo kwa ntle, a mo raya a re: “Tshaba o iphedise; se gadime, le gone o se ka wa emaema mo lobaleng lotlhe fela. Tshabela kwa thabeng, o tle o se ka wa nyelediwa.”"
"– le mororo Jesu ka esi a sa kolobetse, mme e le barutwa ba gagwe –"
"o tlaa tlhakanela kgetsi le rona; re tlaa dira le kgetsana ya madi e le nngwe fela.”"
"Fale Molao wa Tlhatlhamano e e se nang Testamente o dirwa ka tlwaelo go dira , tiro ya mojaboswa wa segologolo go tswelela go tshegetsa batsholwa ba moswi e tshwanetse go tlhakolwa . "
"Mosadi kgotsa monna mongwe le mongwe yo a nang le borutegi bo bo maleba,e le motho yo a itekanetseng yo o tshwanetseng a ka tlhophiwa go nna motlhankedi wa boatlhodi."
"Naga ya Aforika Borwa e ne ya ema nokeng Mogopolo o Monšhwa wa Metseseteropo mme morago ga foo ya o tsenya tirisong ka Leano la go Tsamaisa Tiro le le Golagantsweng le Tlhabololo ya Metseseteropong (IUDF)."
"Dinaga ka bobedi di na le botsalano jo bo tseneletseng jo bo tlhodilweng ke kamano ya ditso tsa tsone le go nna baagisani ba ba gaufi."
"Puso ya bosetšhaba kgotsa ya porofense ga di a tshwanela go kgobelela kgotsa go"
"Kgosi Solomone le ba phuthego yotlhe ya Baiseraele, ba ba phuthegetseng kwa go ene, ba ne ba na nae fa pele ga letlole, ba isa ditlhabelo tsa dinku le dikgomo tse di sa kakeng tsa bolelwa le fa e le go balwa ka bontsi."
"Mme go dirale go re e ne e re motho mongwe a atamela a tla go mo ikobela, a ntshe letsogo, a mo tshware, a mo atle."
"Akanya ka ga ditiragatso tse dingwe tse morutabana a ka di dirisang go nonofisa bokgini jwa puo jwa barutwana . "
"Elang mahukubu tlhoko, lo bone fa a sa jale, a sa robe; ga a na letlole le fa e le sebolokelo; mme Modimo o a a jesa; lona lo tlhwatlhwa e kgolo jang go feta dinonyane!"
"Mmegi Online :: BR Highlanders e ketefaletsa Morupule Wanderers tsela Friday 22 June 2018, 06:00 am."
"Bangwe maina a bona o fitlhele a ile boreelelong , ke gore leina lebe seromo . "
"Phetolelo kakaretso Maikaelelo Dikaelo tsa kgolo le dikai tsa Dikao tsa ditiro tse Bagolo le Dikaelo tse Dintsi tsa Tekolo tsa masea, Bana le bana ba bannye Bana ba Bagolwane tse ba ka go bogela, go reetsa , go kwala di dirang fa o dira le Masea, dintlha, go ntsha pego, go tlotla le Banyana le Bana ba Bannye batsadi le go botsa moitseanape fa go tlhokega. Go ya Mophatong wa R Go ya Mophatong wa R Ÿ O simolola go farologanya Ÿ Dira ditirwana tsa go latelana paka e e fetileng le paka le bana gore ba nne le bokao jaanong ka go dirisa mafoko a jwa nako sekao, ba dirisa a jaaka Fa ke ne ke le monnye... ditshwantsho tsa masea, Ÿ O nyorelwa kitso thata ya go banyana le bana ba bannye batlisisa ka popego ya lefelo fa go tlhama setshwantsho sa ba nnang teng le tikologo ya molanako. bone ya tlhago. Ÿ Rotloetsa bana go botsa Ÿ ba tlhalosa maitemogelo a dipotso – mang? Eng? Kae? bone a botshelo ka go itshepa. Goreng? Leng? Le gore jang? Ÿ O supa kgatlhego mo bathong Ÿ Simolola go ba neela ba bangwe – maloko a lelapa, tlotlofoko go thusa bana go ditsala. bua ka se ba se bonang. Ÿ O batlisisa ka thekenoloji le Ÿ Rulaganya maeto thuto a go lemoga tiriso ya yone - a tlaa a a thusang bana go dikomphutara, ditshamekisa- tlhaloganya katologo ya se tsa eleketeroniki, mogala tikologo ya bone. wa letheka jj. Ÿ Dira dibuka le bana – mogolo o tshwantshanya kgang e ngwana a e buang. Ÿ Neela bana ditšhono tsa go bona le go bua ka tshedimosetso le thekenoloji sekao, bua gore e dira eng? le gore e dirisiwa jang ka pabalesego. Fa go na le dikomphutha letla bana go tshameka metshameko e e godisang ka tshwanelo. 76"
"Gore go dirwe ditirelo tsa boitekanelo ka bokgoni , Molaotlhomo o ikaelela go dira gore tlamelo ya ditirelo tsa boitekanelo e nne e e tshwanang go ralala setšhaba ka go tlhama ditekanyetso le seemo , matlhomeso le dipholesi tsa bosetšhaba . "
"Madi a kotlo ya bana Child Support Grant a tla okediwa ka R300 mafelo a Motsheganong go simolola ka Seetebosigo Diphalane a tla okediwa ka R500.A mangwe a tla okediwa ka R250 dikgwedi tse 6 tse di latelang."
"Re lemoga gape mo gare ga Maloko a a Tlotlegang le baeng , bathei ba bantsi ba United Democratic Front , dingwaga tse 25 tse di fetileng . "
"SETSWANA PUO YA GAE MEPHATO 4-6 ,oltuhk EL :osiup OUP :okofam :olelopid /ogasiakap ,oupakiD osihstnawhst ,eynnakahltid ANAWALEM a AST oawhstam ak amaltam ak :okofam OGEPOPID ,idelewst-itehpakaP idelewst arid arid ,oynahstnawhst og ,iynapokaM og awj el el ologkahltiD anawlegehp ay ay gnaltakap otelepoM otagK otagK oakoB est og otelepom ASIGAHLT anametid og el akaaj id osolahlt abelam est )2 onop el astafeten abelam olelopid id ast asidog anametid( OG id otuhtasuhtid okofam ay EL anamet ) 2 est gnetid e e osemohltel/imierof el ogohltes og asigahlt og ALAWK el ogepop idonaht gnastegehst gnenagamol awj id o alawk anametid( ahpohlT ogohltes amahlT af oakob 3 OG asiriD asiriD asuht asiriD ORAHTIDEWGK el oG • • • • • id ay a gnelob ALELEBEL -omidehst ogaol idewsteM awst og est anob enawhstuhkem om abelam gnenagoloraf es id 4 OTAHPOM as ast ay og elepolenenop ohstnawhstid ,osiup ast ahltnid anob og g on se awst og gnenagoloraf id ak anasiub es awgnahltes est awgnahltid/akubid OG awgnahltes ahltnid om eleaF onaamagotid tl eig re ah ostesomidehst est a EL ASIUB ak :oakes awst og /gnololokagkakub anabaturoM :osiup el gnogohltes og ohltam kate kg /ok l/ og gn e idewstem e e gnidewstem oynakakid a omohltiam awgnahltid og el aloahlt/apuS gnewgnahltes ak aleawhst gnewstidesiupi gnewstisiub awgnahlteS ke os OG asiub ,ostes ag asiriD asidolt yte nb ao asiuB ositagk altaB aloahlT apuS asipaB eleP kt ao om oG ay om kt oG • • • • • • • ostesomidehst AY idewsteM elepolenop ogag ORIT(AUB ostesomidehst ak id eltnes omolom a olegometiam ay est gneligehtegk/gnestebotot )OMOLOM anasiub om eleaF :onestam anob OG ahltnid agobist awst ast EL og /gnololokagkakub ASTEER og as og anabaturoM ast ak ostopid og ostopid el el awgnahltes awgnahlteS anawritiD gnanasiuB el eynama asteer asteeR astoB abarA OG oG ay E • • • • • • ONOGKID EKEBID 4 – 3 PPKT 45"
"Go fopholetswa gore mo palong ya nngwe mo go ba ba 40 go dumelwa gore a le mongwe o belegwa a na le mathata a peleg , mme a le mongwe mo go ba ba 10 e amiwa ke maemo a dijini . "
"Moeteledipele wa setlhopha sa batlhotlhomisi o bidiwa Motlhotlhomisi Mogolo ( PI ) . "
"Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P3 2 DBE/Ngwanaitseele 2020 SC/NSC DITAELO LE TSHEDIMOSETSO 1. Pampiri e, e arogantswe ka DIKAROLO di le THARO: KAROLO YA A: Tlhamo (5 0) KAROLO YA B: Ditlhangwa tse dileele tsa tirisano gammogo le ditlhangwa tse di dirisang mekgwa e e farologaneng ya tlhaeletsano (30) KAROLO YA C: Ditlhangwa tse dikhutshwane tsa tirisano (2 0) 2. Araba potso e le NNGWE go tswa mo KAROLONG NNGWE le NNGWE. 3. Kwala ka puo e o tlhatlhobiwang ka yona. 4. Simolola KAROLO NNGWE le NNGWE mo tsebeng e NTŠHWA. 5. Kwala letlhomeso (sekao, mmapa wa dikakanyo/sethalo/tšhate/mafoko a a kaelang, jalo le jalo), siamisa diphoso le go buisa tiro ya gago gape. Letlhomeso le kwalwe PELE o simolola go kwala tlhamo. 6. Tirokwalo ya ipaakanyo yotlhe e tshwanetse go tlhagelela sentle. Thala mola o o sekaganyang go supa fa tirokwalo e le ya ipaakanyetso. 7. Tiriso ya nako e e tshitshinngwang ke: KAROLO YA A: Metsotso e le 80 KAROLO YA B: Metsotso e le 40 KAROLO YA C: Metsotso e le 30 8. Dinomoro tsa dikarabo di tlhagelele jaaka di ntse mo pampiring ya dipotso. 9. Naya karabo NNGWE le NNGWE setlhogo se se maleba. 10. Setlhogo ga se a tshwanela go akarediwa mo palong ya mafoko a a tlhokegang. 11. Kwala sentle ka mokwalo o o buisegang. Kwalololo e ileditswe Phetla"
"Mo ngwageng wa 2002 go nnile le kwelotlase mo go lebaganeng ga badiri le dikgotlhedi tse di rwalwang ke mowa ( bona sethalwa sa 2 ) . "
"Oholibama a bona Jeuše, le Jalame, le Kora; ba, ke bomorwa Esau, ba o ba tsetseng mo lefatsheng la Kanana."
"A ineela mo go bone ka maakafalo a gagwe, banna e le ba ba tlhaotsweng ba Asiria botlhe fela; bangwe le bangwe ba o ba ratang thata o ne a itshekolola ka medimo ya disetwa ya bone yotlhe fela."
"Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P3 10 DBE/Ngwanaitseele 2014 NSC – Memorantamo 1.5 TLHAMO YA NGANGISANO Mo tlhamong e, motlhatlhojwa o tlhagisa kakanyo, ntlhakemo mme a nganga ka maitlhomo a go dibela ntlhakemo ya gagwe. Kakanyo ya motlhatlhojwa e tshwanetse go totobala go simolola kwa ntlheng go fitlha kwa bofelong. Tlhamo e, e tshwanetse go tlhagisa letlhakore le le lengwe mme motlhatlhojwa a leke go pateletsa mmuisi go leba ditiragalo ka leitlho la gagwe. Setlhogo Dintlha tse di solofetsweng Madi/Tšhelete a na le  Motlhatlhojwa a tlhagise gore a o dumalana le maatla, a kgona go bula setlhogo kgotsa nnyaya. dikgoro tsotlhe. Dumalana  A tlhagise dintlha tse di tlhotlheleditseng kana o ganetsane le ntlha ntlhakemo ya gagwe. e.  Ba ba dumelanang le setlhogo ba tlhagise dintlha tse di ka bontshang botlhokwa jwa madi/tšhelete mo botshelong.  Ba ba ganetsanang le setlhogo ba neele dintlha tse di bontshang mathata a a ka tlisiwang ke madi/tšhelete. Kaedi ya go tshwaya tlhamo ya ngangisano: Motlhatlhojwa a simolole ka go tlhagisa ntlhakemo ya gagwe go o bontsha boitshimololedi. A neye mefuta ya dingangisano go tshegetsa ntlhakemo ya gagwe o mme a tlhalose se. Tlhamo e, e tlhagise letlhakore le le lengwe mme dikakanyo di o tlhagisiwe ka kgatelelo e kgolo, go dirisiwe mefuta e e farologaneng ya didiriswa tsa puo le dithekeniki tsa tirisopuo. Puo e dirisiwe ka maikutlo mme motlhatlhojwa a se ka a tlhoka o maitseo. Bokhutlo bo tshwanetse go tlhagisa kakanyo e e tlhomameng, e e o tlhaloganyegang mme e pateletse mmuisi go dumalana le se se tlhagisitsweng. Tlhamo ya mofuta o, e kwalwe ka pakajaanong. 1.6-1.8 Tlhamo ya kanelo/maitlhomo/e e sa tseyeng letlhakore/tlhaloso/ ngangisano Kwalololo e ileditswe Phetla"
"Dafite a bolotsa batho ba le dikabo di le tharo: kabo nngwe e laolwa ke Joabe, kabo e nngwe ya laolwa ke Abišai morwa Seruja, monnaa Joabe, kabo e nnge ya laolwa ke Itai wa Mogite. Kgosi ya raya batho ya re: “Ruri le nna ke tlaa bolola le lona.”"
"Go na le bedio ya metsotso e le 10 ka "" Phuruphutso le Tseo "" . "
"Kabinete e neseditse pula NWMS ya 2020 go tsena mo legatong la NWMS ya 2011."
"Ka metlha amologanya kgotsa o tlose dikhoto kgotsa dikheibole tse di onetseng . "
"Go na le mathusamadiri a le mantsintsi mo Setswaneng . "
"Go kwala le go tlhagisa go letla barutwana go bopa le go tlhaeletsa megopolo le dikakanyo ka tomagano . "
"Setšhaba sa AbaThembu morago ga go tlhokafala ga Mmelegakgosi wa Setšhaba sa AmaXhosa Nozamile Sigcawu, mme wa moswi Kgosi Mpendulo Zwelonke Sigcawu."
"Ngangisano , kganetsano kgotsa kakanyokgolo e tlhagelela fa . "
"Ke mo gaodisitse fela ka bo ke . . . ' A fela pelo , a mo tsena ganong . "
"Ga dirala ya re ka Sabata o mongwe, a tsena mo ntlong ya thuto, a ruta; ga bo go le monna teng, yo seatla sa gagwe se segolo se omeletseng."
"Bolaodi jwa Motlakase wa Naga jwa Aforika Borwa (Nersa):a) Rre Christopher Forlee (jaaka CEO e bile e le tokololo ya go ya go ile ya bolaodi)."
"Dikgang20...Lefapha la ditirelo tsa kgopololo la re batlhankedi ba bangwe ba le 9 ba kgolegelo kwa Western Cape ba tshwaeditswe ke Covid19...Baagi ba Mahikeng mono North West ba re go laolwa ga motsamao wa baagi naga ka bophara, ke kgwetlho e kgolo ya naga ya go ikgatholosa kgololego ya MaAB mo ngwageng wa bo26 wa demokrasi..."
"Sebini a ruta monnawe Setampore, yo gompieno e reng le tsere kgang ka mmino le se ke le wetse puo motho a ise a mo umake."
"(Gonne moengele o ne a tle a fologele mo lekadibeng motlha mongwe, mme a kgobere metsi; ke gone yo e leng wa ntlha go tsena, metsi a sena go kgoberwa, a fole, le fa e ka ne e le pobolo efe e e mo tshwereng.)"
"Fa a ne a nna kwa Lesotho o dirile jaaka motlhatlhobi wa kwa ntle wa Fedsem le Yunibesithi ya Rhodes le go nna leloko la boto ya khudutamaga Mokgatlho wa Kemedi ya Dikereke Tsotlhe ya Lesotho."
"Go tlamela dithemphoritšhara tse di siameng ka nako ya tsalô go bonolo go buiwa go na le go dirwa, ka ge dinamagadi le dikolojane di itumelela dithemphoritšhara tse di farologaneng."
"Ga dirala ya re ba dutse fa lomating, lefoko la ga Jehofa la tla mo moperofeting yo o mmusitseng."
"Lengwe la maikemisetsomagolo a Ditikwatikwe tsa Puo e tla nna go netefatsa tiriso dipuo tsa tlholego jaaka dipuo tsa kgwebisano , dipoloitiki , dipatlisiso le mmuso go ralala Aforikaborwa . "
"Molao o letlelela seno fa e le gore motho yoo o kwadisitswe pele ga Molao o simolola go dira . "
"Batlhophi ba ba matshwanedi ba ba sa ntseng ba ise ba ikwadise ba gakololwa gore paka ya ikwadiso e a tswelela go fitlhela ka nako ya kitsiso ya letlha la ditlhopho tse di latelang tsa bosetšhaba."
"Tsa basadi (does) di tlhoka hoko ee kgolo."
"Mme Segokgo a re o godisitse bana bale supa, banna ba bararo le basadi ba le bane."
"E dira gone matlho a difofu a tlaa foufololwang, le ditsebe tsa bosusu di tlaa thibololwang."
"Mme ka a ne a tsile a le bogale thata Dineo, metsi a tlala naga e yotlhe, le mo go one masimo tota, mme a senya."
"lo nne lo ipoloke mo loratong lwa Modimo, lo ntse lo lebeletse kutlwelobotlhoko ya Morena wa rona Jesu Keresete, e e isang botshelong jo bo sa khutleng."
"A re sekidi sa madi a setshaba a mafatshe ao, sa maphata a metshameko, se dirisiwa go tlhabolola metshameko ya kgwele ya dinao le e mengwe, go akarediwa go tlhabolola le go aga mabala."
"Motlhankedi wa sepodisi o kgalemile mmelaelwa gore o tla thuntshiwa fa a sa eme ; mme mmelaelwa o ikgatholosa kgalemo . "