text
stringlengths 0
40.2k
|
---|
"Motswasele o kile a nna modirelapuso e le morutabana mme a tlogela tiro go leka go ipereka." |
"Nnuku o bolaile Mmemme a akanya gore ga go na go itsiwe gore ke ena mme o feleletsa a le kwa kgolegelong . " |
"O fa dintlha fela , ga go batlege tlhaloso kgotsa tshekatsheko ya dintlha tseo . " |
"Mono go bile go lopiwa ka ga balebalebi, gore motho a fitlhelwe a le boikanngo." |
"“O tseye o tsamaye ka one,” a boa a ribela gape." |
"Ga diragala, e ne e re fa Moše a tsholeditse letsogo, Iseraele a ba thatafalele; e re fa a digile letsogo, Amaleke a ba thatafalele." |
"Molaotheo wa porofense kgotsa tlhabololo ya molaotheo e tshwanetse go" |
"olokeT :OLELOPID EL OKOFAM :EWGNID ,OMUDEM/OMUDOM EST :OKOFOLTOLT :EMEAR/ANIP ANAWRITID :ANAWRITID :OMUDEM 2 ekeB olokeT :OLELOPID EL OKOFAM :EWGNID ,OMUDEM/OMUDOM EST :OKOFOLTOLT :EMEAR/ANIP ANAWRITID :ANAWRITID :OMUDEM 1 ekeB :3 gnagkotihT OUPOMUDEM OMOLOM OLAWKOM anawriT AK Mophato 2 • Kgweditharo 3 • Puo ya Gae Setswana 24" |
"Ka ngwaga wa 2015, Times Highr Education, e ne ya fa Yunibesithi ya Aforika Borwa maemo a botshela mo diyunibesithi tse di itsotsoropang mo Aforika Borwa. Se sa dira yunibesithi go nna yunibesithi ya botsshela go tswa mo go tse di 30, mo Aforika." |
"Ke nna Alefa le Omega, wa ntlha le wa bofelo, tshimologo le bokhutlo." |
"Ponelopele ka ga Ture. Bokolelang lona dikepe tsa Tarešiše; gonne o kgakgabaditswe, go bile ga go na ntlo epe, ga go na fa go ka tsenwang teng; di go senoletswe di le kwa lefatsheng la Kitime." |
"Tshwetso ya Bothati jwa Bosekisi jwa Bosetšhaba (NPA) ya go busetsa morago ditatofatso tsa bonweenwee kgatlhanong le Tona ya Matlole Pravin Gordhan e khutlisa kgang eno mmogo le go kgontsha naga go lepisa dikgato tsotlhe go ka matlafatsa ikonomi ya naga, go dira gore babeeletsi ba nne le tshepo mo nageng ya roana mmogo le go faposa naga ya rona mo goreng e balelwe mo dinageng tseo di retelelwang ke go mekamekana le dikoloto tsa yona mo maemong a boditšhabatšhaba." |
"Molemirui le badiri ba gagwe ba tshwanetse go tlhola ba ntse ba tlhokomela gore a go na le mafelo fa bana ba ka ipolayang teng tota mo lapeng le mo ditorong . " |
"BAITHUTI BA NAKO E E TLETSENG ( Potchefstroom ) : O TLA LEBELELWA GORE O WETSE KABELOTIRO E E LATELAWNG . " |
"Dikgogo ga di a tshwanela go kgona go ntshetsa ditlhogo, diphuka, kgotsa maoto kwa ntle ga ditshodi." |
"Dinoko tse dingwe di ka gogwa , mme tse dingwe tsa mediwa . " |
"Mme a mo raya a re: “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse; tsamaya ka kagiso, o fole mo petsong ya gago.”" |
"Di tlhalose ka dikao . " |
"Re tlaa tsaya gore lekoko le, le romilwe go ya go bega selelo sa morafe kwa go tona, go bona gore o ka thusa jang." |
"Batho ba gago le bone ba tlaa nna tshiamo botlhe, ba tlaa rua lefatshe ka bosenabokhutlo; e le kala ya go tlhongwa ga me, e le tiro ya diatla tsa me, gore ke tle ke galalediwe." |
"Kabinete e neseditse pula dikgato tsa go isa kwa Palamenteng Molaotlhomo wa SABC wa Ngwaga wa 2022 gore o ye go sekasekiwa." |
"Mo motseng wa Nkange go fitlhelwa Bakalaka mo go rayang gore banni ba mo motse o ba dirisa ngwao ya Sekalaka. Ngwao ya Sekalaka e dirisiwa mo medirong ka go farologana e tsamaelanang le botshelo jwa bone. Ngwao ya Sekalaka e pharologano le ya merafe e mengwe ka ntlha ya ditsamaiso. Mo sekalakeng gona le dilo tse difarologaneng tse go dirisiwa ngwao mo go tsone jaaka manyalo, leso, go rapela pula le go baa botsetse." |
"Ga ke itse gore ke ka dira jang, kgang yame ke gore ke batla go rekisa kgwebo ya mekgabisa mo Botswana ka bophara." |
"lo tlaa itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tlaa lo golola.”" |
"Moše a raya batho a re: “Se boifeng; gonne Modimo o tsile go lo leka le gore poifiso ya one e nne fa pele ga lona, gore lo se leofe.”" |
"Jaaka re setse re kaile pele , se re se dirang mo mosong o , ke go kgakola kanelo ka botlalo ya kgang ya Aforikaborwa . " |
"Fa go tlhagisiwa ntlhopheng a le mongwe, motshwaramarapo o tshwanelwa ke go bolela" |
27 |
"Tsela e mebele e e abilweng , dithišu , madi , ditlhagiswa tsa madi gongwe dikamete di ka dirisiwang e a laolwa mme fela jalo le tlhatlhobo ya morago ga loso mo mebeleng le go tlosiwa ga thišu kwa ditlhatlhobong tsa morago ga loso . " |
"O tlhapa jang segogwane?" |
"Molao o aba dithata tsa karolo ya bo 32 ya Ditshwanelo tsa Botho tsa mo Molaotheong mme o tshwanetse go ranolwa e le molao o o abang dithata tsa ditshwanelo tsa molaotheo . " |
"Mme bogolo e emetse tlhagiso ya megopolo e e tshwanang ya mebuso e e ikamanyang le Kgoeletso . " |
"Sejalo se se botlhokwa sa boboatsatsi tlase mo Aforika Borwa, ditlhare tsa menku di thunya mo malatsing a 28. Katlanegiso ya tulafatso ke metshitshi e 3 - 15 ka heketara." |
"Go na le gape mokgwa o o dirang gore mogala wa letheka o se tshware mo mafelong mangwe . " |
"Bonno ga bo a tshwanela go akaretsa bonno jwa semmuso jwa motho mme go tshwanetse ga nna le pharologano magareng ga tse pedi tseno . " |
"Jehofa ga a ka a dira kgolagano eo le borraetsho, fa e se le rona fela, e bong rona ba re sa ntseng re tshedile fano rotlhe gompieno." |
"A dira kgabetsakgabetsa mo diporojekeng tse di maphataphata go ralala Dikarolo Thuto mme a tlhagisa kumo e e logaganeng . " |
"Ka gobo e re fa go latlhwa ga bone e le go letlanngwa ga lefatshe, go amogelwa ga bone e tlaa nna eng, fa e se go tshela ga baswi fela?" |
"Ponelopele ya jone ke go diragatsa maikarabelo a jone seporofešenale , sentle le ka bokgoni go latela maemo a boitekanelo a a amogelesegang selegae le boditšhabatšhaba a boitekanelo le pabalesego . " |
"Moono wa Kgwedi ya Bašwa ke: ""Re Dira Mmogo go Tlhabolola Bašwa le go bona Aforika Borwa yo o se nang Diritibatsi." |
"MOKGWA WA GO ITHUTA KAEDI E. " |
"Seno se botlhokwa mo go tshwaeleng mo goreng ditlhopho tse di tlang di ikanyege." |
"A medimo ya merafe e e falodisitse, e borraetsho ba e sentseng, e bong Gosane, le Harane, le Resefe le bana ba ga Etene, ba ba kileng ba nna mo Telesare?" |
"Dira tiro / kabelotiro eno ka thulaganyo ka go tlhoma tlhaloganyo mo karolong e le nngwe ka nako . " |
"Diphanele di sekaseka ditheo go tswa tshedimosetsong e e tlametsweng mo diforomong tsa kopo . " |
"E rile Jehošafate le batho ba gagwe ba tla go tsaya thopo ya bone, ba fitlhela mo go bone letlotlo la dikhumo le diaparo, le mekgabo e e thata go rekwa, ba di itlosetsa mo go bone, go feta mo ba ka go rwalang, mme ga feta malatsi a le mararo ba ntse ba rora thopo, e ne e le kgolo thata." |
"le mohumi a itumele mo go ngotlweng ga gagwe; gonne o tlaa feta fela jaaka sethunya sa bojang." |
"mo go ya 15 ga nna Jeremothe, bomorwawe le bomonnawe, ba le 12;" |
"Go Ipaakanyetsa Kopano ya BRICS Mo go ipaakanyetseng Kopano ya Bricks e e tla tshwarwang go tloga ka la bo 22 go fitlha ka la bo 24 Phatwe 2023, naga ya Aforika Borwa e tshwere ka katlego Kopano ya Ditona tsa Dinaga tsa BRICS ka la bo 01 Seetebosigo 2023 kwa Motsekapa." |
"Mochudi ke motse mogolo wa Bakgatla, ba ba tlholegang totatota kwa lefatsheng la Aferika-Borwa. Bakgatla ba ne ba siela mo lefatheng la Botswana ka ngwaga wa 1871 morago ga go tlhaselwa ke maburu ba gapa ditsha tsa bakgatla. Ka nako ee Bakgatla ba ne ba bona bonno fa thabeng ya Phuthadikobo mabapi le noka ya Ngotwane. Fela ujaaka metse e mengwe mo Botswana Mochudi ke mongwe ya metse e nang le dikago tsa matlo a a tlhabologileng le a segologolo a supang ngwao ya bone. Dikgosi tsa Mochudi e bong Kgosi Linchwe Khamanyane Pilane yo o busitseng ka ngwaga wa 1875 go fitlhelela ngwaga wa 1924 le Kgosi Molefi Kgafela Pilane yo o busitseng ka ngwaga wa 1929 go fitlhelela1958 ba ne ba boloka gautshane le kgotla gone mo motseng wa Mochudi. Kgotla ya Mochudi e bapile thata le tsela e e tswelang kwa thabeng ya Phuthadikoko, phuthadikobo ke ngwe ya mahelo a bojanala e bile e le lehelo le le nonotshang ditso tsa le fatshe la Botswana. Museum kgotsa Motlobo wa ditso le matlotlo a Botswana o na le ditswantsho tse di supang fela sentle ngwao ya Bakgatla le ditso tsa bone. Dingwe tsa ditshantsho tse di supa bomme ba bopa,dikgosi le dingaka tsa setso di rapelela pula,basetsana le basimane ya ko sekoleng sa bogwera le bojale le mekgabiso ya mantlo. " |
"(E bong Jesu,) yo e rileng mo metlheng ya gagwe a le mo nameng, a sena go isa merapelo le mekokotlelo e e nang le selelo se setona, le dikeledi, kwa go ene yo o nonofileng go mo golola mo losong; ya re a sena go utlwiwa ka ntlha ya go boifa Modimo ga gagwe;" |
"Re leboga IOC go re naya tahono ya go nna baamogedi ba kopano e e botlhokwa e . " |
"Re itse se fa moithuti a kgona go : akanya ka tiro ya gagwe , a tsaya tsia dikakanyo tsa ba bangwe ; kwala gape a bo a tlhagisa setlhangwa sa bofelo : dirisa mokgwa o o beilweng wa go akanya ka tiro ya gagwe le ya ba bangwe ; tokafatsa nyalelano le tomagano yadikakanyo mo setlhangweng sotlhe;akanya gore a diteng , setaele , tiriso ya puo le tiragatso , di maleba go baamogedi ba tshedimosetso , maitlhomo le maemo a a rileng ; tsweletsa ntlhakemo ya gagwe ka bokgoni ; siamisa tlhopho ya mafoko , dipolelo le popego ya ditemana , go tlosa diphoso tse di bonagalang le puo e e kgopisang ; bontsha tshisimogo mo ditshwanelong tsa botho , tshedisanong , setsong , dintlheng tsa tikologo le maikutlo ; baakanyetsa kwalo ya setlhangwa sa bofelo ka go buisa gape le go baakanya diphoso ; tlhagisa setlhangwa sa bofelo a ntse a tlhokometse setaele se se maleba sa tlhagiso jaaka setlhangwa se se tlhagisitsweng ka bophepa kgotsa phousetara e ntle e e ngokang . " |
"Noa a tshola basimane ba le bararo: Sheme, Hame le Jafethe." |
"O tshwanetse go tlhaola mathata a moithuti wa maitirelo a go buisa le go peleta ka go dirisa diteko tsa ka kakaretso tsa go lekola tse di beilweng , tse di leng teng mo yuniting ya thuto . " |
"Ba tsaya loungo lwa lefatshe ka mabogo, ba tla nalo kwa go rona, ba re leretse lefoko, ba re: ‘Lefatshe le Jehofa Modimo wa rona o le re nayang ke lefatshe le le molemo.’" |
"Dafite a mo raya a re: “O tswa kae?” Mme a mo raya a re: “Ke falotse kwa bothibelelong jwa Baiseraele.”" |
"Ke a lo leboga . " |
"Kabinete e romela melaetsa ya matshidiso go:Tona ya Sepodisi Fikile Mbalula le ba lelapa la gagwe ka ga go tlhokafala ga mmaagwe, Mama Emma Mbalula." |
"Fa gongwe ba goroga maitseboa." |
"Tšhata e tlhomamisitse gore maphata a mebuso ya Aforika a obamela dintlhatheo tsa ditshwanelo tsa botho le tsa batho le dikgololesego tse di fitlhelwang mo dikgoeletsong , ditumelanong le didirisweng tse dingwe tse di amogetsweng ke Mokgatlho wa Kopano ya Aforika , Mokgatlho wa Dinaga tse di sa Ikamanyeng gammogo le Ditšhabakopano . " |
"Ija we! Gonne letsatsi leo le logolo, go bile go se na lepe le le tshwanang nalo; ke motlha wa khuduego ya ga Jakobe fela; mme o tlaa gololwa mo go lone." |
"Ka bua ka re: “Modimo wa me, ke tlhajwa ke ditlhong, ke bile ke a itlhontsha, ke retelelwa ke go go tsholeletsa sefatlhogo sa me, Modimo wa me, gonne tshiamololo ya rona, le molato wa rona o goleletse kwa magodimong." |
"Ka ntlha ya boutlwelobotlhoko jo bonana jwa Modimo wa rona; jo bophepa jwa moso jo bo tswang godimong bo re lekotseng ka jone," |
"Lenaneo la me la letsatsi le letsatsi la metshameko le fela ka 21:00, o gakologelwa jalo." |
"Kgomo yone, e itse morui wa yone le esela e itse golo mo e felwang ke mong wa yone teng; mme Iseraele ene ga a itse, batho ba me ga ba gopole.”" |
"Le, ke letsatsi le Jehofa o le dirileng; re tlaa itumela, re ipela mo go lone." |
"Bana mamphorwana maatlhamela ba bolai Bana ga ba itse babolai ba bona." |
"Bokaedi bo akaretsa Tsamaiso ya Diphaka , Tsamaiso ya Maswe e e Tshwaraganeng le Bokaedi tlaleletso jwa Tsamaiso ya Tikologo . " |
"Diphasalatso le dikaratapepentsho tse di tlwaelegileng . " |
"Kgang ya rona gompieno ke go gakolola gore, lenatetshapuo le le reng ‘go iphotlhara,’ ga le a dirisiwa sentle." |
"NATIONAL SENIOR CERTIFICATE MOPHATO 12 SETSWANA PUO YA GAE (HL) PAMPIRI YA NTLHA (P1) NGWANAITSEELE 2014 MEMORANTAMO MADUO: 70 Memorantamo o, o na le ditsebe di le 7. Kwalololo e ileditswe Phetla" |
"O tlaa kopiwa gore o ele tlhoko gore o ikutlwa jang ka malatsi a le mararo morago ga IV nngwe le nngwe." |
"Go golega le go otla mme yono ke bopaki jwa go bontsha gore Khomišene ya Ditlhopho ya Aforika Borwa e tota e ikemiseditse go samagana le ditiragalo tse di tswileng mo tseleng le go rwesa bao ba amegang maikarabelo ntle le go senya nako." |
"Mme fa kgomo e e bopilweng ka mmopa jalo mme ya lela , ya bo ya tsala namane e e reng e gangwa e bo e kotelwa , go bontsha pheteletso ya maaka a a logilweng ka ena . " |
"Dafite a hutsafalela Saule le Jonathane morwawe ka khutsafalo e." |
"Dikgole tsa loso di ne di ntsentse gare, matlhoko a Bobipo a ntshwere; ka bona tlalelo le bohutsana." |
"Mareo a a latelang a neetswe go go sedimosetsa ka ga se se tla lebelelwang go tswa go wena jaaka moithuti . " |
"Batho ba le bantsi ba ya kwa magaeng fa e le nako ya malatsi a boikhutso . " |
"A re ikgakolole maina a dikgwedi Ngwaga mongwe ke ole re ne ra bua ka maina a dikgwedi a Setswana, re tlhalosa gore ke eng fa dikgwedi di biditswe maina ao." |
"Kgaolo e nngwe ya mmidi e apeiwa e sa le tala mme o o salang o tlogelwa go oma mme o a robiwa go silwa gore e nne boupi ba mmopo . " |
"Go reetsa : Moithuti o kgona go theeletsa tshedimosetso le go ijesa monate , mme a arabe sentle ka go sekaseka , mo mabakeng / maemong a a farologaneng . " |
"Karolo 7 e tlhagisa "" ka moo o ka "" ya leano la togamaano ka go sedimosa mananeo a tse di tlang pele le dipopego le ditirego tsa tiragatso . " |
"Le fa kilo ya gagwe e ipipa ka boferefere, boikepo jwa gagwe bo tlaa supiwa mo ponatshegong fa pele ga phuthego." |
"Tsebe e , e tla letla batlhatlhojwa go tlhopha dipotso tse ba batlang go di araba kwa ntle ga go buisa pampiri yotlhe . " |
"Yo o reng: “Ke a mo itse,” mme a sa boloke ditaolo tsa gagwe, o maaka; boammaaruri ga bo yo mo go ene." |
"Ka jalo , selo se se kotsi . " |
"0300 0600 le 228mkpMo mosong wa gopieno re buisana le Perseverance Sepheso yo eneng ele karolo ya MaAfrika Borwa a a tswang go tsewa kwa Wuhan...." |
"Re tla dira tsotlhe tse , mme re tla bo ra na le bonnete . " |
"Kgopolo jaaka ' kampa ya mo gae ' gongwe le mo go bone ke se ba sa se itseng , mme o tshwanetse gore o dire gore ba se leke go tlhaloganya thitokgang ya tlhatlhobo go na le gore ba tlhaloganya potso e ba tshwanetseng go e tlhaloganya . " |
"O ne a gakolola kgosi ya motse, Kgosi Batshani Monyatsi go ela tlhoko batho ka ba tlaa mo dirisa diphoso.O ne a otlelela gore a gopole gore go ne go na le batho ba ba neng ba le kgatlhanong le go bewa ga gagwe mo setilong sa bogosi.Bangwe ba ne ba bolela fa ba sa bone phoso mo mokwalong oo.Ba re se se neng se dirwa ke komiti eo e ne e le kopo ya gore kgosi ya bone e apesiwe letlalo.Mongwe wa makomiti, Rre Themba Motlhabani, a re ba ne ba emetse phetolo gore morago ba tle ba itsise setshaba.Kgosi ya Makuta, Kgosi Khimbeni Moalosi o ne a kopa gore ba ba nang le dikitso ba ne ba dira morero le setshaba go na le go itseela ditshwetso.Kgosi Moalosi a re bone ba nyoretswe ditlhabololo mo motseng e seng go thuba motse.Kgosi a re ba tshwanetse go emisa go kubetsana le go nyatsana." |
"Ka ngwaga wa 1947, kgwedi ya Seetebosigo, go ne ga nna le mmino kwa o rulagantswe ke mokgatlho wa London Missionary, mogolowe o ne a mo itsise Kgosi Seretse Khama. E ne e le ngwana wa ga wa Bangwato mme a ithutela tsa molao kwa kwa Lontone morago ga go fetsa ngwaga kwa kwa Oxford. Bobedi jo bo ne bo rata mmino wa , bogolo jang wa , mme ba ratana mo nakong e e sa fediseng pelo. Seretse Khama e ne e le monna wa ntlha Ruth a bua le ene a le montsho. Pego ya ngwaga wa 1952 e supa fa Ruth e ne e le mosadi o o pelokgale." |
"Gakologelwa gore fa go fitlhelwa tiriso ya botshwantshi mo lebokong , o tlhotlhomise o bo o tlhomamise gore di oketsa jang boleng jwa leboko le bokao jwa lona . " |
"Kabinete e rotloetsa maAforika Borwa go tsaya maeto a Sho’t Left le go rotloetsa gore baagi ba ka fa nageng e nne bajanala, le go tsaya karolo mo dithulaganyong tsa ngwaga le ngwa moo Diphaka tsa Naga ya Aforika Borwa (SANParks) di bulang le go tlamela ka ditirelo ntle le go duedisa baagi mo Bekeng ya go simolola ka la bo 8 go fitlha ka la bo 15 Lwetse 2019." |
"Fela fa re sena go itshetlela mo ditilong, ra itsise kgosi maikaelelo a mosepele wa rona." |
"Baithuti ba mmadikole wa boranyane le dipatlisiso (BIUST) ba abetse banni ba Dikabea matlwana a boitiketso a le mabedi, morago ga gore ba itlame go tlhabolola ntlo ya bookelo le go gokela metsi." |
"Pele ga pego e kwalwa , go dirwa dipatlisiso mabapi le kgang / porojeke kgotsa maemo a a rileng . " |
"Dikai tsa maitlhomo a a kwa godimo a akaretsa go netefatsa gore botlhe ba na le motlakase le metsi , gore batho ga katisiwa go dira ka dipeipi tsa go tsamaisa leswe , motlakase , go aga le go baakanya dikoloi , le go tshegetsa kgwebo ya ko magaeng . " |
"Ya re Morena a mmona, a mo tlhomogela pelo, a mo raya a re: “Se lele.”" |
"Molao wa tseo ya setso mo lebakeng le o dumalana le karolo 8 ya Molaotheo mme ga o kgetholole kgatlhanong le bana mo ntlheng ya tlhago ya bona le tsalo . " |
Subsets and Splits