text
stringlengths
0
40.2k
"Mowa wa Modimo lo tlaa o itse ka gone mo; mowa mongwe le mongwe o o ipolelang gore Jesu Keresete o tsile mo nameng, ke one wa Modimo."
"Ka jalo ka 1986 Tona ya Bosiamisi , o ne a tlhoma Khomišene ya Molao ya Aforikaborwa go batlisisa tshireletso ya ditshwanelo tsa botho . "
"“Sa gago ke se, tshupelo ya tsholetso ya neo ya bone, e bong ditshupelo tsotlhe tsa mofoko tsa bana ba Iseraele; ke di neile wena, le bomorwao, le bomorwadio nao, e le tshiamelo ka bosakhutleng; mongwe le mongwe yo o itshekileng mo ntlong ya gago a je ga tsone."
"Tiro ya ntlha e kgolo ya Bokaedipotlana e ne e le go tlhokomela thulaganyo e telele ya go tlhomiwa ga Lekgotla la Dipuo Tsotlhe Tsa Aforikaborwa ( Pansalb ) . "
"“Ke gone jaana, utlwa se, wena yo o ineetseng mo dikgatlhegong fela, o agile fela o sa re sepe, wena yo o ithayang mo pelong, o re: ‘Ke nna, mme ga go na ope o sele fa e se nna; ga nketla ke nna ke le motlholagadi le fa e le go itse go latlhegelwa ke bana.’"
"Poifo ya ga Jehofa e ntle, e ntse ka bosakhutleng; dikatlholo tsa ga Jehofa di boammaaruri, di siame fela gotlhe."
"Le fa tlhatlhobo e ka se supe sepe, ka nako e, selekanyo sa mogare se a bo se le kwa godimo mo mothong yo o mo tseneng."
"“Ke gone mongwe le mongwe yo o tlaa impolelang fa pele ga batho, le nna ke tlaa mo ipolela fa pele ga Rre yo o kwa legodimong."
"httpsiono.fme343320REETSA"
"Kabinete e ikuela go dikolo tsotlhe go tswelela go dira go ya ka melawanatsamaiso e e tlhomilweng ya boitekanelo ya COVID-19."
"Ga twe mongwe wa maloko a bolela fa mokgatlho o, e le wa boithaopo mme o thusa puso ka o bonye e ka se ke e kgone tsotlhe tse di e lebaganyeng e le nosi."
"Taelo e ka tlhabololwa kana ya gogelwa morago fa motlhankedi mogolo wa bosetšhaba , morago ga ditlhatlhobo tse di jalo le dipatlisiso jaaka go ka tlhokega , a kgotsofetse gore ditshiamelo tsa taolo eo di kgotsofaditswe kana ka bontlhabongwe . "
"go nna teng fa go diriwa tshwetso."
"Gongwe fa Rre Moamerika a ne a ka tlhalosa ka botlalo, o ne a tlaa bo a re ruta bongaka jo re neng re tlaa bo dirisa fela re sa mo lefa ka sepe, re bo tsere mahala mo go ene."
"Kabinete e amogetse kopano ya Imbizo eo e neng e etilwe pele ke Tona ka fa Kantorong ya Moporesitente e e samaganeng le Lefapha la Tiromaano,Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro (DPME) e bile gape e le Monnasetulo wa Komiti ya Togamaano a Naga, Jeff Radebe, ka ditsereganyo tse di dirilweng mo go samaganeng le dituelelo tsa batlamedi ba ditirelo tsa puso (kgotsa bona baabelani ba ditirelo) malebana le puso gore ba duelelwe mo sebakeng seo se sa feteng matsatsi a le 30.Fa e sale go tlhomiwa Yuniti e e Itlhophileng mo DPME gore le samagane le matsapa a go se duelelwe ga batlamedi ba ditirelo tsa puso mo matsatsing a le 30 a a totobaditsweng, palo ya ditshupatuelo tsa boammaruri tse di duetsweng go tloga ka Seetebosigo 2016 e ne e le mo di le 17 668 e leng boleng jwa madi a le bokanaka R340 WEBTOKEN DPME mmogo le ba Matlotlo a Naga ba tsere matsapa a mangwe gape mo go rarabololeng dikgwetlho tsa dituelelo tsa batlamedi ba ditirelo tsa puso."
"Tatelano ya boswa fa go sena lekwalo la kabo ya Boswa mo Aforikaborwa e laolwa ke Molao wa Tatelano ya boswa fa go sena Lekwalo la Kabo ya Boswa wa bo81 wa 1987 o o simolotseng go dira ka 18 Mopitlwe 1988 mme o dira mo bathong ba ba tlhokafalang ba sena lekwalo la kabo ya boswa ( e ka nna ka botlalo gongwe ka bontlhabongwe ) ka letlha leo gongwe morago ga lona . "
"Leina la Koranta le raya mmoledi ka Setswana gape News we need to know. Go tsweng ka ngwaga wa 1989 e e ne e bidiwa Mmegi wa Dikgang/moboledi."
"Ga twe, ka palo, maloko a, a ne a le marataro."
"Etome a mo raya a re: “O se ka wa nthalala, nka tla ka go bololela ka tšhaka.”"
"Tsela e e botoka ya go sireletsa ikonomi le ditsela tsa ka fao batho ba rona ba iphedisang ka tsona ke go tswelela ka go tsenya tirisong Leano la Kagosešwa le Tsosoloso ya Ikonomi (ERRP)."
"ELA TLHOKO : Go dira Boikuelo jwa mo teng ga Setheo morago ga nako go ka letlelelwa fela fa go le lebaka le le utlwalang la gore ke eng bo dirwa morago ga nako . "
"Kabinete gape e leboga Ngaka Soon-Shiong go bo a amogetse phatlhalatsa bokgoni jwa Aforika Borwa mo mererong ya saense, ya tlhokomelo ya matshelo a batho le mo bokgoning jwa yona jwa phisegelo ya go tlhagisa meento ya mo isagong e e tla lwantshanang le bana ba mogare wa corona ba ba tla dirang gore meento e ga jaana re nang le yona e sa tlhole e nna mosola mo baneng ba mogare ono."
"Moporesitente Ramaphosa o ne gape a eteletse pele baromiwa ba naga ya Aforika Borwa kwa morerong wa Samiti e e Tlwaelegileng ya Ditlhogo tsa Mebuso ya Dinaga ya bo 39 ya Dinaga tsa Mokgatlho wa Tlhabololo ya Borwa jwa Aforika (SADC) mo molekanekaene wa naga ya Tanzanian, Moporesitente John Pombe Magufuli, a tseneng mo marapong a go nna Monnasetulo wa SADMo maemong a gagwe jaaka Moemedi wa SADC mo mererong ya Nagasegosi ya Lesotho, Moporesitente Ramaphosa o rebotse pegelo e e ka ga dikgato tsa ditharabololo tse di setseng di tserwe mo mererong eno tseo a di tlhagisitseng kwa Samiting ya SADC ka ga Mokgatlo wa Dipolotiki mo go Troika, ka ga Tirisanommogo mo Tshireletsegong le mo Pabalesegong e e neng e tshwerwe ka Labotlhano, 16 Phatwe Kopano ya bo 28 ya BASIKabinete e akgotse kopano ya bo 28 ya dinaga tsa Brazil, Aforika Borwa, India le China (BASIC) mabapi le phetogo ya loapi e e tshwaretsweng kwa Brazil go tloga ka la bo 14 go fitlha ka la bo 16 Phatwe 2019."
"“Se se tlaa nnang tshiamelo ya baperesiti go se tsaya mo bathong ke se, se tswa mo go ba ba isang tshupelo, kgotsa e le kgomo, kgotsa nku, a ba neye moperesiti letsogo le ditlhaa tsoo pedi, le mogodu."
"Rre Moloi o ne a kopa gore go sekasekwe gore banana ba thusiwe ka didirisiwa tsa go nna jalo ka seo se ka dira gore dikompone tsa banana di kgone go gola di bo di itshetele."
"Kabinete e itumedisitswe gape le ke diphetogo tse di itsisitsweng sešweng jaana tse di ka ga letsholo la go tlhabela moento, tseo maitlhomo a tsona gape e leng go netefatsa gore batho ba tlhabelwa moento."
"Dipoelo tsa seemo se se tokafetseng sa maeto ke thotloetsego ya babeeletsi mmogo le tlhabololo ya ikonomi."
"Dithaere di tshwanetse go tlhatlhobiwa gangwe le gape , mme lenaane le le latelang le sedimosa dingwe tsa diphoso tse o tshwanetseng go di lebelela . "
"Mebutla ga e tlhoke go fokoletsa morui dijo tsa lelapa ka gonne di ka ijela, masadisa a lelapa le ditlhatshana tsa tshingwana ya gagwe, le fa e le gore seo ese lebaka la go sa di fepe sentle."
"Ka jalo re tshwanetse go netefatsa gore Sejana se sa lefatshe se atlega thata go tlotlomatsa Nelson Mandela . "
"“Go tlaa dirala go re, morafe le bogosi jo bo ganang go direla ene Nebukatenesare kgosi ya Babilone, le jo bo tlaa ganang go ipaya thamo tlase ga jokwe ya kgosi ya Babilone, ke tlaa betsa morafe oo, go bua Jehofa, ka tšhaka le ka popamo, le ka kgogodi go tsamaya ke ba nyeletsa ka seatla sa gagwe."
"bokgoni jwa puso go netefatsa ntshetsopele ya tshwanelo eno."
"Dithaba di tlaa tlhapolosiwa fa tlase ga gagwe, le melapo e tlaa tsetseregana, jaaka makgafa fa pele ga molelo, jaaka metsi a a thelegang ka fa maphothophothong."
"Ka ba bangwe baapei, go se ke go nne jalo."
"A mo rapela thata a re: “Morwadiake wa ngwanyana o fela mo losong, ke a go rapela, o tlo o tle, o beye diatla tsa gago mo go ene gore a fodisiwe, a tshele.”"
"Go gaisa fa , go nwa ga gago go tla ama boitekanelo jwa gagwe mo go sa siamang mme ga baka tshenyego ya boboko jwa gago , pelo le sebete . "
"Seno ke karolo ya itshekatsheko ya kgolo . "
"Tlhama tlhamen ka ga setlhogo sa buka pele e ka balwa . "
"Foo Bajuta botlhe ba lere sa bosome sa mabele, le sa bojalwa jwa mofine, le sa lookwane, mo matlong a dikhumo."
"Tseno di akaretsa , lwa ntlha , dikelo tse di kwa godimo tsa tsalo mo maphateng a puso le a poraefete . "
"Ka fa go bolelwang ka teng, e ne e se la ntlha mogwebi yo a kopana le tiro e ya go loga moriri."
"Katlholo ya semodimo e mo dipounameng tsa kgosi, molomo wa yone ga o ketla o tlola mo tshiamisong."
"le Joana mosadi wa ga Tšhusa, molebalebedi ntlo wa ga Herote, le Susana, le ba bangwe ba le bantsi ba ba mo direlang ka dilo tsa bone."
"Jaana e rile ke fitlha kwa Teroase ka ga Mafoko a a Molemo a ga Keresete, ke bulelwa kgoro mo Moreneng,"
"Kabinete e tsibositswe ka diphitlhelo le ditshitshinyo go tswa mo dipatlisisong tse di dirilweng ke Lefapha la Bodiredipuso le Tsamaiso (DPSA) mabapi le ka fao go beilweng le ka fao go fitlhelesegang di-Thusong Service Centre, e leng lefelo la ditirelo di le dintsi tsa puso ka go abelana ka tshedimosetso le ditirelo go baagi."
"Dikolobe ke dipopiwa tse botlhale tsa loago."
"Ka motsotso wa bomasome a mabedi, Lesirane ya abelwa thago e khutshwane kwa ntle ga mola wa bobedi wa dikota mme ya ragwa ke Modibedi Motlamme wa sekipa sa lesome le bobedi."
"Ngwanyana yo o anyang o tlaa tshameka fa mosimeng wa kake, ngwanyana yo o kgwisitsweng o tlaa baya seatla sa gagwe fa kutleng ya šaušawane."
"Gape ke dumela gore kapari ke yone e gantsi e kgonang go supa gore motho ke wa letso lefe."
"LEMORAGO LA THUTO . "
"Ka o tlolaka le tsone tsotlhe, go twe, o tshwara/tshwere kwa le kwa."
"Mothusa modulasetilo wa komiti ya Vision 2020, Rre Chipo Keaketswe a re komiti ya bone e bopilwe ka bodiredi jwa lephata la botsogo jo bo lebaganyeng le kalafi ya matlho, boeteledipele jwa sepolotiki le bogosi."
"Bona fa , phetla bukana e , fa o e buisitse , re ka buisana ka temakgang ya yona . "
"Diporofense tse di neng di tshwere Beke ya SET mo ngwageng wa 2000 e nnile Porofense ya Bokone Bophirima , Kapa Bophirima mmogo le Kapa Bokone . "
"K : Ka gale dipaka tsa tetelo ga di dire . "
"Sekao : Semela ba ne ba tla phepafatsa . "
"Dikolobe tsa naga, Potamochoerus larvatus, di fitlhelwa gotswa kwa dikarolong tsa Afrika Borwa tse di kwa bokone le botlhaba go simolola kwa borwa jwa KwaZulu-Natal, nagagare ya Free State, le Kapa Botlhaba goya Kapa Bophirima."
"Lenaneo 1 , le supa badiredi ba bangwe ba ba amegang mo porojekeng e . "
"Ka jalo go dumetswe gore phetogo ya lefatshe le bonno jwa balemirui ga di ka ke tsa diragala mo lefaufaung le gore mafapha a porofense a temothuo le mmuso wa selegae o tla tshwanelwa ke go tshwameka karolo e e botlhokwa mo go thuseng baamogeladitshiamelo . "
"Ditlhangwa tsa baithuti ba dikgato tse di kwa tlase , di na le ditlhamane tse di bonolo , tse fa gongwe di nnangdi tsenya dipina ga gare , mme ditlhogo tsa tsona ke tse di maleba le matshelo le maitemogelo a nonofo ya baithuti bao . "
"Taelo e tshwanetse go kwadisiwa ka yona nako eo mme ga e tshwanelwa go beelwa thoko . "
"O ne gape a ba kopa go nna ba tsaya le go diragatsa dikgakololo go tswa mo baatlhoding ka jaana di ka ba thusa go itokafatsa."
"Ka ntlha ya bosa jo bo bothitho jwa Afrika Borwa, kgatelelô ya serame ga se bothata jo bo masisi jalo go dikolobe tse di godileng fa go bapiswa le kwa dinageng tse dingwe tse di marutshwana."
"golagantswe le le kemedi ya dikgaolo, e e theilweng go tsamaelana le dikarolo"
"Jesu a ba raya a re: “Lobaka lwa me ga lo ise lo tle; mme lobaka lwa lona lo a bo lo ntse lo etleetsegile gale."
"(b) bonnye nngwe-tharo ya ditokololo e tshwanetse go nna teng pele go diriwa"
"a re: o tlaa kgoromeletsa ntle baba botlhe ba gago fa pele ga gago, jaaka Jehofa a buile."
"Lenyalo le tsaya malatsi ale mabedi, lantlha kwa gaabo monyadiwa mme morago kwa gaabo monyadi."
"Batswasetlhabelo ba tshotlakako ba bue, ba bege tshotlakako mme ba golagane le tikwatikwe ya taelo ya diura di le 24 kwa 0800 428 428.Kabinete e ikuela go maAforika Borwa otlhe go nna kelotlhoko thata mo pakeng e e tlang ya meletlo, go tila go dirisa nnotagi le diritibatsi botlhaswa, le go itumelela paka ya matsatsi a boikhutso ka tsela e e babalesegileng le e e boikarabelo."
"Foo ka re: “Ga nketla ke lo fudisa; se se swang, a se swe; se se laoletsweng go kgaolwa a se kgaolwe; mme mo go tse di setseng a nngwe le nngwe e je nama ya e nngwe fela.”"
"Kgwedi eno e re naya tšhono ya go tlotlomatsa tshwaragano ya maAforika, go tshwaragana ga dikgaolo tsa yona mmogo le go tsosolosa maikano a yona a go nna seoposengwe."
"Barutabana ba tshwanetse go ikarabela go baithuti , batsadi , thulaganyo ya thuto le mo baaging ka bophara , mo go tlhatlhobeng baithuti . "
"Lo bonye tsotlhe tse Jehofa Modimo wa lona o di diretseng merafe yotlhe e ka ntlha ya lona; gonne Jehofa Modimo wa lona ke ene yo o lo tlhabanetseng."
"Le fa e le banna ba, a ba bolele tshiamololo e ba e bonyeng jale, jaaka ke ne ke eme fa pele ga lekgotla,"
"Lenaanetiro ke kgato ya bobedi ya thulagnayo e morutabana a tshwanetseng go e dira . "
"Go tlaleletsa foo, Lefapha la Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso le golagane le Boratoropo go diragatsa dikgato tse di farologaneng tsa go boloka metsi ka fa tlase ga kaelo ya Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe."
"Mohsin ke motlhatlheledi wa ngwaga wa ntlha wa tlhabololo ya kharikhulamo le wa go ruta e bile o ithutela dikirii ya masetase ya thuto ya bonetetshi, le go sekaseka kgang ya melapo ya metsi."
"Moengele yo o nthekolotseng mo bosuleng jotlhe fela, a a segofatse basimane ba; mme a leina la me le rewe bone, le leina la borraetsho Aberahame le Isake. A ba ntsifale ba tle ba nne bantsi mo gare ga lefatshe.”"
"Ga se gore mongwe o kile a bona Rara, fa e se yo o tswang kwa Modimong, ke ene yo o bonyeng Rara."
"Mokgadi le Sofi ba goroga morago ga nako e telele."
"Go Ranolwa ga Molao , ( Molao wa Nomoro ya bo 33 wa 1957 . "
"Ba tloga mo Punone, ba thibelela mo Obothe."
"Matshelo a bona a tshwana jang e bile a farologana jang . "
"“Mo polelong ko tshimologo ya tsotlhe (Genesis 2: 18), Modimo o ne a lemoga fa Adam a tlhoka mopati go montsha mo bodutung jo aneng ale mo go jone, mme a mo direla mopati eleng Eva, eseng bapati,” Beleme a tlhalosa jalo."
"09DIKGANG Bapagami ba ditheksi kwa Alexandra kwa bokone ba Johannesburg ba re go sekegiwa ga ditirelo tsa ditheksi ke Santaco moso ono, go tlile go ama ditiro tsa bone ka mokgwa oo seng maleba.France e solofetswe fa gompieno e tlile go letla go dirisiwa gape ga diCinema, mafelo a go thuma le ditikwa tikwe tsa bojanala."
"Dinawa tsa dibutterbeans tsa bokete jwa 2kg di le nne."
"Go ne go le Labobedi mme go ne go se na sekolo. Bana botlhe ba ne ba kopana kwa laeborari ba kopanela letsatsi le le kgethegileng. E ne e le Letsatsi la Kitso ya go buisa le go kwala mme batho go tswa mo lefatsheng lotlhe ba ne ba tlile go buisa le go kwala le go reetsa mainane ka lone letsatsi le. Neo o ne a itumetse tota. Mokwadi wa gagwe yo a mo ratang, Joan Rankin, o ne a tlile go tla mo laeborari go buisa go tswa mo dibukeng tse a neng a di kwadile, mme rragwe o ne a mo solofeditse go mo isa gore a mmone. Neo o ne a kwadile buka e e kgethegileng ka ene, mme o ne a gakaletse go mo fa yone. Mme fa Neo a tsoga mo mosong wa Labobedi, go ne go utlwala modumo o o sa tlwaelegang go tswa mo kitšhining. O ne a ya go leba. Motšhini o o tlhatswang o ne o dira modumo o o tudukanang mo go boitshegang, e kete motho a gotlhola e bile e kare o tlile go thunya. Rragwe Neo o ne a tla go bona. “Ao nnyaa!” o ne a rialo. “Pompo e tshwanetse ya bo e robegile. Go tlile go ja madi a mantsi thata go e baakanya. Re ka nna ra tshwanela go reka motšhini o o feletseng o montšhwa.” “Re ka se kgone go reka motšhini o o tlhatswang o montšhwa,” mmagwe Neo o ne a rialo. “A o ka se kgone go o baakanya, tsweetswee? Ke tshwanetse go ya tirong, mme go na le diaparo tse dintsi tse di leswe.” Ntate o ne a sa rate go bona mmagwe Neo a hutsafetse jalo mme o ne a re, “Ke tla o baakanya. Neo o tla nthusa. Ke tla batla webosaete e e mpontshang go baakanya metšhini e e tlhatswang e e robegileng.” “Mme fela Ntate, o ntsholofeditse go nkisa kwa laeborari,” ga rialo Neo. “Iketle pele ka seo, Neo. Motšhini o o tlhatswang o botlhokwa thata. Ka gongwe Koko a ka go isa kwa teng,” Ntate o ne a rialo. “Go na le kwa ke yang teng gompieno,” Koko o ne a rialo, a tshikinya tlhogo ya gagwe. “Ke maswabi, Neo. O tla tshwanela go ya koo mo bekeng e tlang.” Neo o ne a utlwile botlhoko tota. “Mme fela Ntate, o ntsholofeditse gore o tlile go nkisa kwa laeborari,” o ne a rialo. “Re tshwanetse go tsamaya ka bonako.” Ntate o ne a ya go tsaya lebokoso la gagwe la didiriswa mme o ne a batla tshedimosetso ka google, “Tsela ya go baakanya pompo ya motšhini o o tlhatswang” mo selefounung ya gagwe. “O a bona!,” o ne a raya Neo, a mmotsha tsebe. “Se ga se bontshe se le boima.” Mme jalo, o ne a goga motšhini a o ntsha fa o nnang teng le go o retolola gore a kgone go ntsha karolo ya ona e e ka fa morago. Mme go baakanya motšhini go ne go le boima thata go feta ka moo go neng go bonala ka teng. “Go na le setshwantsho fa,” Ntate o ne a ngongorega, a lebile mo founung ya gagwe. “Mme e nnye thata, ga ke kgone go bona gore eng se tsena fa kae.” Ke fa Ntate a digela sekurufu sengwe mo fatshe mme se ne sa kgokologela mo tlase ga setsidifatsi, jalo o ne a tshwanetse go goga setsidifatsi gore a ntshe sekurufu. Neo o ne a leba nako. E ne e le metsotso e le someamararo morago ga ura ya borobonngwe. Go ne go setse metsotso e le someamararo fela gore Joan Rankin a goroge kwa laeborari. “Tsweetswee, Ntate,” o a ne a rialo, a ntse a tlolatlola. “Tsweetswee, dira ka pele gore re kgone go ya kwa laeborari. Re tshwanetse go tsamaya jaanong.” “Ke tshwaragane le tiro fa mme ga o thuse, Neo!” Ntate o ne a lebega a tenegile. Neo o ne a hutsafetse. Rragwe o ne a mo solofeditse go mo isa, mme jaanong sengwe le sengwe se ne se sa tsamaye sentle. “NNYAA, NNYAA, NNYAA,” Ntate o ne a goa. “Ga ke dumele se!” “Ke eng?” Neo o ne a botsa ka lentswe le lennye. “Jaanong beteri ya founu ya me e kwa tlase!” Ntate o ne a goa. “Tsweetswee ntlele tšhajara.” Mme ka nako eo motlakase o ne wa tima: “Ao nnyaa,” ga rialo Neo. “Jaanong motlakase o timile.” Ntate o ne a bonala a tenegile. “O ke Labobedi o o maswe go feta. Ke ne ke le gaufi le go fetsa go baakanya motšhini mme jaanong ga ke kgone go buisa ka ga se se latelang se ke tshwanetseng go se dira.” Neo o ne a oba tlhogo. “Ee, ke Labobedi o o maswe thata. Ga o kgone go baakanya motšhini, mme ke tlhaela go bona Joan Rankin,” mme o ne a se ke a bua sepe gape gonne o ne a kgona go bona gore Ntate o ne a hutsafetse thata. Neo o ne a itatlhela mo fatshe fa tafoleng ya kitšhini mme o ne a fitlha tlhogo ya gagwe mo gare ga matsogo a gagwe. Ntate o ne a phutha le go baya didiriswa tsa gagwe. “Ga go sepe se se kalo se re ka se dirang jaanong,” o ne a rialo. Neo o ne a tsholetsa tlhogo ya gagwe go se kae. Tshupanako e ne re ke metsotso e le lesome pele ga ura ya lesome. Ba ne ba santse ba ka ya kwa laeborari – ba ne ba tla nna thari, mme o ne a santse a ka kgona go bona Joan Rankin e bile o ne a santse a ka kgona go mo naya mpho ya gagwe. O ne a phetlha ditsebe tsa buka e nnye e o neng a e dirile. O ne a kwadile leinane le go thala ditshwantsho, mme Koko o ne a mo thusitse go e kopanya le go mo direla tsebe ya kwa ntle. Ntate o ne a kgwa mowa. O ne a sela buka ya ga Neo. O ne a botsa “Ke eng se, Neo?” “Buka ya me,” go ne ga rialo Neo ka lentswe le lennye. “Ke ne ke tlile go e neela mokwadi wa me yo ke mo ratang kwa …” Ga a ka a fetsa polelo. “Tla re tsamaye,” ga bitsa Ntate, a phamola dinotlolo tsa koloi ya gagwe. “Re tshwanetse go tsamaya JAANONG! Re santse re ka fitlha kwa laeborari ka nako fa re ka itlhaganela.” Joan Rankin o ne a simolotse go buisetsa bana leinane la gagwe fa Neo le Ntate ba itlhaganela go tsena mo laeborari. Neo o ne a bona setilo kwa morago mme o ne a nna mo fatshe go reetsa. Leinane la gagwe le ne le le monate, mme le ditshwantsho tsa gagwe di ne di le dintle. Neo o ne a solofela le go eletsa gore o tla kgona go thala jalo ka letsatsi lengwe. Mme se se gaisang mo go tsone tsotlhe? Fa a sena go fetsa mme Neo a mmotsha buka ya gagwe, o ne a nagana gore e ntle. “A o kwadile leinane le lotlhe ka bowena?” o ne a mmotsa. “Ee,” ga rialo Neo. “E bile ke thadile le ditshwantsho. Ke mpho ya gago, Mma.” Ke fa Joan Rankin a bula kgetse ya gagwe mme a ntsha nngwe ya dibuka tsa gagwe. O ne a kwala mo teng, “Ke ya ga Neo, yo o dirang dibuka tse dintle “, mme o ne a saena leina la gagwe ka ditlhaka tse dikgolo le go mo fa yone. Neo o ne a itumetse tota. O ne a tlamparela buka mme a sa batle go e tlogela. Ka yone nako eo Ntate o ne a tla fa go ene. “Ga o kitla o dumela, ” o ne a rialo. “Ke bone buka e e ka ga tsela ya go baakanya metšhini e e tlhatswang, mme bona – ditshwantsho di dikgolo e bile di bonala sentle. Goreng o ne o sa mpolelele gore laeborari e na le dibuka tse di jaana, Neo?” Ntate o ne a tlamparela Neo. “Dibuka di a kgatlhisa. Dibeteri tsa tsone ga di nke di fela, mme o ka kgona go di buisa le fa motlakase o tima.” Neo o ne a nyenya ka boitumelo le go tsenya tlhogo. E ne e le nnete. O ka buisa buka gongwe le gongwe ka nako nngwe le nngwe."
"Bana ba ga Gibare, 95."
"Ntlha e nngwe ke go ruta thata barutabana ba arogantswe ka ditlhopha . "
"Go dumelwa fa mo dingwakgolong tse di fetileng, ka bo-1500, batho ba Maroteng ba ne ba dula gaufi le motswedi wa Lekwa."
"Ditiragalo tsa Maitisong di simolotse ka ngwaga wa was 1987 mme di tshwarwa ngwaga le ngwaga mo malatsing a le supa, mo bekeng ya bofelo ya mopitlo kana ya ntlha ya morananng. Mo malatsing a go tla bo ga na le bodiragatsi jaaka metshameko le go le belela metshameko mo mafelo a a farologaneng."
"Mosadi a feelela matlakala mo ditlhakong tsa rona, ra mo hapoga, ra leba kwa leisong."
"Molaotlhomo ono o tsereganya mo metshamekong ya itekolesego ya eleketeroniki, go bapatsiwa ga metshameko ya itekolesego le mafelo a go tshamekelwang metshameko ya itekolesego kwa go ona."
"go dirwa ga motlakase wa rona, ditoropo tsa rona le metse-setoropo, meepo"
"Melaotlhomo."
"Maloko a setšhaba sa ngwaoboswa le setšhaba ka kakaretso se kopiwa go Tshisinya maina a bontlhopheng ba ba siametseng go ka sekwasekwa ke Tona ya Botsweretshi , Setso , Saense le Thekenoloji go ka tsenngwa mo Khanseleng ya Tikwatikwe ya Botsweretshi ya William Humphreys . "
"[Kl.(4) e tlaleleditswe ke k. 8 ya Molaotheo Tlhabololo wa Bosupa wa Molao wa 2001.]"
"Tota mme ka lemoga fa ke thatafaletswa tiro ke go tlhoka molomo ga ga Tswapong Hill kana lone lentswe le la Tswapong."
"George, fela jaaka batshabi ba bangwe, o ne a tshelela mo lebelong la titipote, ka a ne a itse fa maburu ba le mo patlong ya gagwe."
"A re batsadi ba tshwanetse go fa bana sebaka sa go itlhophela ditiro tse ba di ratang."