text
stringlengths
0
40.2k
"Maikarabelo a ntlha a BBPM ' ke go tlhatlhoba meepo , go sekaseka le go dira dipatlisiso mabapi le dikotsi le ditiragalo dingwe tsa boitekanelo le pabalesego , le go pateletsa kobamelo ya Molao wa Boitekanelo le Pabalesego ya Meepo ( MBPM ) No . 29 wa 1996 , o maikarabelo a Botlhatlhobi bo ikaegileng ka one . "
"Jehofa a busa pelo mo bosuleng jo o rileng o tlaa bo direla batho ba gagwe."
"Porotokolo ya kgwebisano ya baagi-setšhaba-poraefete , ka fa letlhakoreng le lengwe , e tla lebelela mo go tlhomamiseng gore mogwebisani wa loago mongwe le mongwe yo o amegang mo tiregong e o rotloediwa go aba sengwe . "
"wa Simeone, Shelumiele morwa Surišatai;"
"07DIKGANG Mopresidente Jacob Zuma o ema nokeng boikuelo ba liki ya basha ya ANC ba gore go tlhopiwe baeteledipele ba basha mo lekokong.Baemedi ba lekoko la Democratic go ralala Amerika ba tlhopile Tom Perez go nna monnasetilo yo montshwa wa lekoko."
"e bile ke dikgosi di supa; tse tlhano di setse di ole, e nngwe e sa le teng, e nngwe ga e ise e tle; mogang e tlang, e na le go nna ka lobakanyana."
"A tabogela go mo fa leina la polokelo, kwa Rustenburg."
"“Gonne ba ba biditsweng ba bantsi, mme ba ba itshenketweng ba babotlana.”"
"Ditshupetso tsa bolwetse: Bolwetse bo ka bonwa ka maekroskopo mme matshwao ditshelammogo tse tshwaeditsweng thata a ka akaretsa go nna le dinotshe tse di bokoa le go nna go tlhoka maatla ka dimpa tse di rurugileng."
"Kabinete e amogetse Leeto la go Lekola Kabelo ya Ditirelo la Siyahlola ya Moporesitente Jacob Zuma la go ya kwa Kgaolong ya Mopani kwa Giyani e e kwa Porofenseng ya Limpopo."
"Ntando Mahlangu o fentse metale wa gauta mo Go tloleng Sekgala, le go tlhoma rekoto e ntšhwa ya lefatshe ka sekgala sa dimitara tse Anrune Weyers o fentse gauta mo dimitareng tse 400 tsa Basadi."
"(c) e dira tshwetso ya bofelo go sa nyatswe le fa morero o wela ka fa tlase ga"
"Setshwantsho sa botshelo jwa batho , tsietso , megagaru le bogagapa mo badireding , mokwadi o di tlhagisa bonolo mo polotong . "
"Jehofa o tshiamo mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe, o pelotshweu mo ditirong tsotlhe tsa gagwe."
"2000 2200"
"Wena legodimo, o o jele koma, le lona baitshepi, le lona baaposetole, le lona baperofeti; gonne Modimo o o atlhotse ka fa lo kileng lwa atlholwa ke one motse oo ka gone.”"
"Setswana Puo ya Gae (HL)/P2 12 DBE/Ngwanaitseele 2022 NSC – Kaedi ya go Tshwaya POTSO 10: POTSO YA TLHAMO ELA TLHOKO: Mo tlhamong ya motlhatlhojwa go tshwanetse ga akarediwa dintlha tse di fa tlase. Go tlaa dirisiwa ruboriki ya maduo a a kana ka 25 go tshwaya tlhamo ya motlhatlhojwa. MASEGO – G Mokae  Ke boammaaruri jo bo ka se ganediweng ka gope gore botlhoko ga bo ke bo nnela ruri mo mothong ka yo o simololang ka botlhoko o feleletsa ka monate.  Masego o simolola ka botlhoko ka e le mongwe wa bana ba bathapiwa ba dipolase ba ka dinako dingwe ba neng ba tshwanetse go se ye kwa sekolong ka ntlha ya fa ba ne ba ya go thusa bagolo ba bona ka ditiro tsa dipolase. Dikolo le tsona ka dinako tseo, di ne di sa tlale seatla ka bontsi jwa maburu a dipolase bo ne bo sa ba agele tsona. Seno ke botlhoko jo Masego a rakaneng najo ka go dira mo polaseng mmele wa gagwe o sa le monnye.  Masego o ne a romelwa kwa sekolong sa Sedimosang ka ntlha ya fa a ne a abetswe maboko go utlwala. Go ne go solofetswe gore o tlaa bona ditšhono tse dintsi tsa go nna le isago e e tsabakelang fa a ne a le koo. Ka bomadimabe, leeto la gagwe la go nna le bokamoso jo bo phatsimang le ne la kgaolwa ke lefufa la ditsala.  Tsala ya gagwe e bong Sannah o ne a mo fufegela ka a ne a ba gaisa, mme a mo logela leano la go mo pateletsa go nwa nnotagi fa ba ne ba tsere leeto la go ya kwa dikgaisanong tsa sekolo tsa mmino. Masego e ne e se monwi wa tagi, fela o ne a tshaba go swabisa tsala ka e ne e mo eme nokeng ka dilwana tsa sekolo gonne a ne a le dikobo di magetleng. Seno se tlholela Masego botlhoko jwa go betelelwa ke Ntsime ka a ne a ipusolosetsa gonne a ne a gana go ratana nae.  Masego o ima ngwana wa dikgora a bo a patelesega go busediwa kwa gae gonne mo malobeng baithuti ba ne ba sa dumelelwe go ima ba santse ba tsena sekolo. Ano ke matlhotlhapelo a ga Masego a go belesediwa mmogo le go latlhegelwa ke isago e e tsabakelang.  Go tiisa molao ga ga Rre Kgabo Motsepe mo go Masego, o welwa ke botlhoko jwa go teketwa mo go maswe ka ntlha ya fa a ne a imile. Se sa tlholela Masego botlhoko jo bo seng kana ka sepe ka botshelo jwa gagwe gammogo le lesea bo ne bo le mo magareng ga loso le bophelo. O ne a le mo phaposing e go neng go twe ke ya kalafo e e tebileng. A se na molomo, a dikaganyeditswe ke dikgetsi tsa polasetiki tse di neng di tletse metsi le melemo ya mebalabala. Seemo sa lesea se ne se na le matshosetsi a magolo, mme fela la ba tshelela fa morago ga karo e e neng ya dirwa gore le ntshiwe mo go mmaalona.  Morago ga go tshola ngwana o ne a lebagana le botlhoko jwa go se boele sekolong. O ne a ya go fatela ngwana ka ntlha ya mokgweleo wa go nna motsadi a le esi. E ne e le mo gare ga mariga, o ka se bone go feta mongwe mo mebileng e se kae go tswa fa a neng a nna gona. Go ne go le bokete mo go ena go tsogelela go ya tirong.  Ka botlhoko bo sa nnele ruri, Masego fa a ntse a direla ba ga Lazar o ne a simolola go ratana le Vusi Mgoma. Masego o ne a mmegela ka go tshwarwa ga gagwe le setshwantsho sa ga Vusi se mapodisi a se mo supeditseng. Ba ne ba mmotsa gore a Vusi o a tle a jele ba ga Lazar nala. Morago ga gore kiletso ya ga Vusi e emisiwe ba ne ba golaganngwa mo lenyalong le le boitshepo. Masego o ne a ja monakaladi wa kobolela a thakgalala a nna kwa ga mothakga.  Masego o ne a leboga fa Modimo a mo file monna yo o botlhale le bopelonomi. Vusi o ne a rata Sello ka lerato la nnete jaaka e kete ke morwae wa madi. Kwalololo e ileditswe Phetla"
"Basetsana ga ba tshwanela go kopana le basimane mme ba tshwanetse go nna ka fa tlase ga tlhokomelo ya mogolo wa mosadi . "
"Mogaetsho itse gore ka ntlha ya motshameko wa Bafana Bafana le Libya wa go qualifaela Africa Cup of Nation dikgang tsa ura ya bosupa di tla tla metsotso e le lesome le botlhano pele ga ura ya bosupa18h45 re lebogela tshegetso ya gago ka dinako tsotlhe"
"Go ka nna ga tlhokwa gore o tlamele ke setlhopha se se rileng sa dilwana . "
"Seleke wa Moamone, Naharai wa Moberothe motshola dibolao wa ga Joabe morwa Seruia;"
"WRC-19 e tlhodilwe ke khonferense ya Mokgatlho wa Boditšhabatšhaba wa Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano (ITU) e e tshwarwang ngwaga o mongwe le o mongwe go tšhotlha dikgang tse dintsi tse di farologaneng tse, gare ga tse dingwe, e leng tse di mabapi le go sekaseka le go kwala sešwa ga melawanataolo ya seyalemowa."
"soshanguve ke motsesetoropo mongwe mo pitoria leina le la soshanguve ke khutswafatso ya ditlhopa tse kgolo tsa maleme go ba dipuo tse di buiwang mo go ona leng sotho shangane nguni le venda dipuo tse di welang mo go sotho ke sesotho sepedi le setswana mo la shangane emela xitsonga nguni yona emela sezulu sethosa seswati le sendebele venda yona emela tshivenda go tlhokagala gore re itse gore go tlile jwang gore motsesetoropo bidiwe soshanguve mme setswana se ne se sa akaretswa mo go sotho mo tshobokanyong ya dipuo dikgoge tsa kwa ntle"
"13h00 Bana ba sebueledi sa lefapha la boitekanelo Joe Maila yo a tlhokafetseng, ba rebotse melaetsa e e tlhomolang pelo kwa tirelong ya phitlho ya rrabona kwa Polokwane kwa Limpopo."
"O ba gakolole dilo tse, o ntse o ba laya mo ponong ya Morena, gore ba se ka ba ganela ka ga mafoko fela, mo go se nang thuso, e le mo go timetsang fela ba ba utlwang."
"E rile Aberame a le dinyaga di le 99, Jehofa a bonala kwa go Aberame a mo raya a re: “Ke nna Modimo Mothatayotlhe; sepela fa pele ga me, o se na selabe sa molato."
"Boto ya Bakaedi ba Bolaodi jwa Motlakase wa Naga:(Mme Vuyiswa MiyaRre Allan TaylorRre Peter Becker leMme Khangela Baloyi."
"Fa o sa kgotsofalele tsibogo ya motsamaisi wa kgotlatshekelo , o ka kwalela mokaedi motsamaisi wa ditirelo tsa kgotlatshekelo gongwe mokaedi kakaretso . "
"Selo se se bosula se se kileng sa diragala mo sekolong sa rona . "
"fa e se mo felong fa Jehofa o tlaa go itshenkelang mo lotsong longwe lwa gago fela, ke gone kwa o tlaa isang gone ditshupelo tsa gago tse di fisiwang, ke gone kwa o tlaa dirang gotlhe mo ke go go laolelang gone."
"Sekwalwa sa Molaotlhomo wa Mekgatlo e e sa Direng Morokotso (NPO) o o Kwalolotsweng Sešwa wa ngwaga wa 2021 Kabinete e dumeletse go phasaladiwa ga sekwalwa sa Molaotlhomo wa NPO o o kwalolotsweng sešwa go neela baagi tšhono ya go tshwaela."
"Puso e beeletsa mo lekaleng la dipalangwa e leng karolo ya Leano la Dintlharobongwe la naga go ka phaphamisa tlhabololo le go tlhola ditiro."
"O na a ntshediwa ditlolo tsa rona matsanko, a teketelwa maikepo a rona; petso e e re direlang kagiso e ne e le mo go ene; re bile re fodisiwa ka dingalo tsa gagwe."
"Kabinete e lemogile gore Union Buildings e tlaa bo e keteka dingwaga di le 100 ka Sedimonthole."
"Fa mmoki a tlaopa ke fa a senola kgotsa a upolola makoa a motho mme a itira e kete o a boka kgotsa o a tshegisa . "
"“Moamone kgotsa Momoabe a ba se tsene mo phuthegong ya ga Jehofa; le fa go ile kwa kokomaneng ya lesome go se tsene ope yo e leng wa bone mo phuthegong ya ga Jehofa, le ka bosakhutleng,"
"Mo godimo ga foo, Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) e tlhomile mafelotiriso a le 1 047 ao a ikaeletseng go ka thusa batswasetlhabelo kwa diteišeneng tsa sepodisi go ralala le naga go ka amogela le go thusa batswasetlhabelo ba GBBeke ya Tshireletso ya Bana e tla tshwarwa go tloga ka la bo 27 Motsheganong go fitlha ka la bo 2 Seetebosigo 2018."
"Kwa ntle ga tiriso ya buka e , ke sa ntse ke go rotloetsa go reetsa manaane a Motsweding FM le go buisa dikwalo tsa Setswana , jaaka dikuranta , dimakasini , Beibele , dipadi , dikgangkhutshwe , esei , jalo jalo . "
"05 Dikgang Motho wetsho madume re mmogo DMK le Mojakes moso ono. Lekoko la Democratic Alliance le lopile mopresidente Jacob Zuma gore a supe ka gangwe boto e ntshwa ya SABC ka maitlhomo a go busetsa kgaso eno ya sechaba mo maemong a siameng.Puso ya Gauteng e sweditse go fedisa dikgolagano le ditlamo tse di ba batlelang batho ditiro pele ngwaga eno e ya fifing."
"le fa e le ka lefatshe, ka e le sebeo sa one sa dinao; le fa e le ka Jerusalema, ka e le motse wa Kgosi e kgolo."
"Tomaeza le Ika Masinamela.Molekane wa gago wa ga jaana, o dirisitse mokgwa o feng go ipala mabala a kgaka mogo wena Studio 089 860 5665..."
"Go na le moo , tshitshinyo ke gore baithuti ba tla dirisa maatla a bone ke go kgotlhelela mo dithutong tse di thata ( go akaretsa le go tshwarelela dilo ka tlhogo fa go tlhokega ) , fa ba bone ditiro tsa go ithuta e le tse di ba solegelang molemo . "
"Mo polelong ya 1 ) , polelokutu ya ntlha , "" rre o lema tshimo mme polelwanakutu ya bobedi ke "" o lapile "" . "
"A nkisa kwa kgorong ya botsheka, mme a e lekanya ka fa dilekanyong tse:"
"Ka re amega mo ditirong tse di botlhokwa tsa go tokafatsa naga ya rona go nna ya temokerasi ya nnete e e sa kgethololeng ka mmala , e e sa kgethololeng ka bong e e netefatsang botshelo jo bo botoka go botlhe , go ne ka gale go na le letswalo le le phasalalang la gore mo pelong ya setšhaba sa rona go na le , jaaka Kgositsile a bua , "" lentswe le le didimetseng la lefatshe , "" le ka tidimalo le ka maikaelelo a magolo le re rotloetsang go bua kgang ka ga rona . "
"Sejana sa moreketoro sa padi, le sa setlhopha sa mmino."
"Mme le fa e le bomang ba ba se ketlang ba lo tshola, le fa e le go reetsa mafoko a lona, e re lo tswa mo ntlong eo, kgotsa mo motseng oo, lo itlhotlhore ditlhole mo dinaong tsa lona."
"18Baitseanape ba re tlhwatlhwa ya Lookwane e ka fokotsega gape jaaka ditlhwatlhwa tsa oli e e sa tlhotlhiwang di tswelela go fokotsega.Tona ya lefapha la sepodisi Bheki Cele a re ditshupetso tse di neng di runtse mo profenseng ya North West di jetse lefapha la gagwe diranta di feta dimillione di le someamatlhano."
"Neela didiriswa tsa tekanyetso tse o di itseng . "
"maikarabelo a tshireletso."
"Mekawa e kgetlwa mo go gaisang, go rekisiwa le go jewa ka bonako jo bo kgonegang."
"Ke dipotso tse di ka diriswang go leka tlhaloganyo . "
"Patlego ya setso sa selegae mo tirisong ya dipodi mo Aforika Borwa ga jaanong jaana e kgweetsa (le go feta) tlamelo ya dipodi tse di tshelang."
"Ga jaana go na le ditlamo di le 300 tsa Aforika Borwa tse di dirang kwa Mozambique."
"Gakologelwa , o foo go emela wate ya gaeno . "
"Hisitori ya Aforikaborwa e bontsha gore go ne go na le maphata a baagi a a neng a ikgatholositswe ke puso e e fetileng . "
"Mme e re fa o dira modiro, laletsa bahumanegi, digole, batlhotsi le difofu."
"Go a supagala gore ditlhopha di shenne meno di batla go iphitlhela dile kwa setlhoeng sa liki jaaka e ya boikhutsong jwa legato lantlha."
"Ke mofuta wa poko e e tlhamilweng segologolo , ka puo ya manatetshapuo le botshwantshi jo bo kwa godimo , mme ka sebopego , e tsere sa poko ya segompieno . "
"14052020 Palo ya batho ba ba tshwaeditsweng ke mo e tlhatlhogile ka 665 go tlisa palogotlhe ya ditshwaetso go nna 12739Dintsho 238Diteko 403 018"
"Yo o dibelang molomo wa gagwe o ipolokela botshelo, mme yo o atlhamolosang dipounama tsa gagwe thata o tlaa bona tshenyego."
"Ka Ferikgong 2000 modulasetulo wa Khansele le moemedi go tswa go Lefapha la Botsweretshi , Setso , Saense le Thekenoloji ba tsenetse khonferense ya dibeke tse pedi ya Baitseanape ba Setlhopha sa Dinaga tse di Kopaneng ka Maina a Mafelo ( UNGEGN ) kwa New York . "
"Broccoli e tlhagiswa gantsi mo Afrika Borwa ka mariga le tshimologong ya dikgakologo."
"LBELELA GAPE TEMA 7 YA DITAELO KA KAKARETSO . "
"Moporesident Zuma o tla tsaya Leeto la Semmuso go ya kwa Nagabogosing ya Saudi Arabia go tloga ka la bo 27 go fitlha ka la bo 28 Mopitlwe 2016, le le tla maatlafatsang botsalano jo bo leng teng magareng ga dinaga tse pedi."
"Mme a re: “Jesu, a ko o nkgopole mogang o tlang mo bogosing jwa gago.”"
"“Foo a mogope wa bophuthegelo o bothologe, o na le ba bothibelelo jwa Balefi mo gare ga mathibelelo; jaaka ba tle ba thibelele, a ba bothologe fela jalo, motho mongwe le mongwe a le mo bonnong jwa gagwe, fa mekgeleng ya bone."
"Setswana Puotlaleletso ya Ntlha (FAL)/P3 8 DBE/Ngwanaitseele 2014 NSC – Memorantamo 1.2 TLHAMO YA MAITLHOMO Mo mofuteng o wa tlhamo, motlhatlhojwa o leba kakanyo, a bo a tlhagisa maikutlo/tsibogo ya gagwe. Motlhatlhojwa a ka leba ditoro kgotsa se a eletsang go se fitlhelela mo botshelong jwa gagwe, mme a kwale maitlhomo a gagwe. Setlhogo Dintlha tse di solofetsweng Nka kgona go fedisa  Motlhatlhojwa a tlhagise gore o tla dira eng. botlhokotsebe mo dikolong.  A bolele seabe se a ka nnang le sone mo barutwaneng.  A bolele seabe se a ka nnang le sona mo go fitlheleleng maikutlo a barutabana.  A tshitshinye mekgwa ya thotloetso e e ka dirisiwang go fitlhelela katlego, sekao, go dira ka natla, go nna pelotelele, go reetsa melao ya sekolo, jalojalo.  Motlhatlhojwa a tlhalose se botlhokotsebe e leng sona.  Motlhatlhojwa a tlhagise dintlha tse di dirang gore barutwana ba iphitlhele ba dirile botlhokotsebe.  A tlhagise maitemogelo a gagwe ka botlhokotsebe.  A bontshe ka moo tharabololo ka kakaretso e ka fitlhelelwang ka teng. Kaedi ya go tshwaya tlhamo ya maitlhomo: Tlhamo ya maitlhomo e tseye letlhakore. o Maikutlo a tsaya karolo e e botlhokwa. o Karolo e kgolo mo tlhamong ke go tlhalosa. Ditlhaloso di o tshwanetse go bonala, maikaelelo e le go tlhagisa gape maikutlo a motlhatlhojwa a nako e e fetileng. Dikakanyo/Megopolo/Maikutlo di tshwanetse go senola o boammaaruri le maitemogelo. Kwalololo e ileditswe Phetla"
"Mme kgosi, le Baiseraele botlhe nayo, ba isa tlhabelo fa pele ga Jehofa."
"Lesomosomo la gagwe, le ba ba badilweng mo go bone, e ne e le 74 600."
"Baditšhaba ba ba nyalanang le maAforikaborwa ba tshwanetse go tlhagisa makwalo a bona a mosepele a a dirang gammogo le foromo ya BI-31 ( Kgoeletso ya mabaka a lenyalo ) . "
"Jaana ke a lo rapela, lo bo lo lale mono, gore ke tle ke itse se Jehofa o tlaa felang a se bua le nna.”"
"Ditokomane tsotlhe tsa Lefapha la Thuto tse di mabapi le kharikhulamo ya kwa dikolong . "
"Bona, o phutholola lesedi la one tikologong ya one; o khurumetsa boteng jwa lewatle."
"MOLAOTHEO"
"MO MABAKENG A A JALO , MOTSAMAISI WA DIREKOTO O TSHWANETSE GO BUISANA LE MOAKHAEFE WA POROFENSE GORE GO TLE GO BULWE DIFAELE TSE DI MALEBA . "
"Mop Dan Kgwadi o bua ka dibasari tsa NSFAS le go wediwa, go amogelwa semmuso le go tsenngwa tirisong ga pholisi e ntšha ya dipuo le leanopuo."
"Setswana Puo ya Gae (HL)/P3 3 DBE/Ngwanaitseele 2018 NSC – Memorantamo Ditlhokego Phitlhelelo ka dinaledi Phitlhelelo ka Phitlhelelo ka tekano Phitlhelelo e e Ga a fitlhelela matsetseleko tlhaelang PUO, SETAELE LE 14–15 11–12 8–9 5–6 0–3 GO TSELEGANYA/ -Segalo, rejisetara, setaele le -Segalo, rejisetara, -Segalo, rejisetara, -Segalo, rejisetara, -Segalo, rejisetara, RUNA tlotlofoko di maleba le setaele le tlotlofoko di setaele le tlotlofoko di setaele le tlotlofoko setaele le tlotlofoko ga o maikaelelo, baamogedi le bokao maleba thata le maleba le maikaelelo, bomaleba jwa tsona di maleba le m -Segalo, rejisetara, di ka maemo a a kwa godimo maikaelelo, baamogedi baamogedi le bokao bo kwa tlase ga maikaelelo, setaele, tlotlofoko tse o -Puo e e tlhololo, e itumedisa ka le bokao -Tiriso e e maleba ya maikaelelo, baamogedi le bokao g di maleba go a maemo a a tlhaolegileng -Puo e nonofile le tiriso puo go tlhagisa bokao baamogedi le bokao -Puo ga e w maikaelelo/ k -Segalo se se nang le ya segalo e maleba -Segalo se maleba -Tiriso ya puo ke ya tlhaloganyesege ditlamorago le bokao a maikaelelo a a tlhotlheletsang -Bogolo jwa yona ga bo -Tiriso ya malepa a a maemo a motheo -Tlotlofoko e nnye a -Tlhopho ya mafoko o -Ga go na diphoso tsa thutapuo na diphoso tsa thutapuo tlhotlheletsang ya go thata thata mme e dira gore m -Tiriso ya puo le e le tsa mopeleto ka gotlhe le mopeleto tlhagisa diteng -Segalo, tlhopho le go nne thata go a melawana, tiriso ya M -Puo e e manontlhotlho ya -Puo e tlhamilwe ka tiriso ya mafoko e e tlhaloganya matshwao a puiso, maemo a a kwa godimo matsetseleko seng maleba thutapuo le mopeleto -Tlotlofoko e lekanyeditswe thata 15 MADUO e 13 10 7 4 s a -Puo e e matsetseleko ya -Puo e e ngokang e bile -Tiriso ya puo e e mo -Tiriso e e bokoa ya tl a tlhotlheletso e e nonofileng mo e nonofile ka kakaretso magareng, ka go puo w k segalong -Segalo se se siameng tlhoka tsepamo -Mefuta ya dipolelo e a -Ga e na diphoso tsa thutapuo se nonofile -Segalo se siame ka mennye kgotsa ga e a o le tsa mopeleto ka gotlhe -Diphoso tse di mmalwa kakaretso le tiriso e e teng gotlhelele m e -E tlhamilwe ka manontlhotlho tsa thutapuo le mopeleto lekanyeditsweng ya -Tlotlofoko e e a M -E tlhamilwe bontle malepa a tlhotlheletso lekanyeditsweng tota KAGEGO 5 4 3 2 0–1 -Kago e e manontlhotlho ya -Kago e e latelanang ya -Kago ya dintlhana tse -Go na le dintlha -Dintlha tse di -Diponagalo tsa setlhogo dintlhana di maleba dingwe tse di botlhokwa di a tlhaela setlhangwa -Dintlhana tse di tlhaolegileng -Lomagane -Dipolelo, ditemana tse amogelesegang -Dipolelo le ditemana -Kago ya ditemana le -Dipolelo, ditemana di bopilwe -Dipolelo, ditemana, di di bopilweng sentle -Dipolelo le ditemana di fosagetse go tlhangwa ga bontlentle latelana, di a farologana -Tlhamo e sa ntse e na di fosagetse -Tlhamo e tlhoka dipolelo le tlhaloganyo -Tlhamo e sa ntse e na tlhaloganyo 5 MADUO le tlhaloganyo Kwalololo e ileditswe Phetla"
"Porojeke e tsweletse go tloga ka 20 - 25 Mopitlwe 2000 le gape go tloga ka 5 - 10 Mopitlwe 2001 . "
"Le gone o dire fela jalo ka dikgomo tsa gago, le ka dihutshane tsa gago; matsalwapele a a nne le bommaao ka malatsi a supa; e re ka letsatsi la bofera mebedi, o a nneye."
"Tlhogo ya lelapa ka nako nngwe e bontsha , ka nako ya yona ya botshelo , dikeletso tsa yona malebana le go neela yo mongwe maikarabelo a dilo dingwe tse di rileng tsa thoto morago ga loso lwa gagwe . "
"Mmu o jadilwe ka kitlano ya dijalo mo ebileng go sena lefelo kgotsa lesedi le le lekaneng gore dipeo tsa mefero di mele le go gola."
"Go botlhokwa gore jaaka naga re itumelele Matlotlo a rona a Batho ba ba Tshelang mo makaleng otlhe a baagi ba rona."
"Seno se tla tokafatsa boleng jwa botsamaising jwa badiredi, e leng ntlha e e botlhokwa mo bokgoning jwa puso gore e fitlhelele maitlhomo a yona le mo goreng e nne le seabe mo go tsepamiseng mogopolo mo NDP ka go aga puso e e nang le bokgoni e bile e le e e tlhabololang."
"Dikgang11...Setlamo sa motlakase Eskom sa re ga go kgaogo epe e solofetsweng e rulagantsweng ya tlamelo ya motlakase, mme lefa go le jaalo tsamaiso ya one e santse e le mo kgatelelong...Morutwana wa Grade 8 o bolailwe ka go tlhabiwa ke moithuika ene wa Grade 9 kwa Ekudubeni Secondary School kwa Nkonjeni kwa Ulundi kwa bokone ba Kzn..."
"O ne a nna le leina le le itsegeng thata e le Mobišopo wa kereke ya Anglican ka bo1970 le bo1980, fa a neng a nna le seabe ka tlhagafalo kgatlhanong le talo ya tlhaolele."
"O ne a le kwa pele mo ntweng kgatlhanong le kgatelelo ya bong mme a gwanta kgatlhanong le melao ya dipasa."
"Jaana boJonathane le Ahimaase ba ne ba ntse fa Enerogele; mme lelata lengwe le ne le tle le ye go ba bolelela; mme ba ye ba bolelele kgosi Dafite; gonne ba ne ba sa ka ke ba bonwa ba tla mo motseng."
"E re ka letsatsi la ntlha go nne phuthego e e itshepileng, lo se ka lwa dira tiro epe e e leng ya setlhanka."
"Re a leboga ... "
"Ka go bitsa nong e e phamolang e tswa botlhabatsatsi, monna wa kgakololo ya me, a tswa lefatsheng le le kgakala; ee, ke ikaeletse le gone ke tlaa dirafatsa; ke ikaeletse le gone ke tlaa dira."
"Mangwe a mafoko a a nang le medumo e e tshwanang jaaka ditumammogo le ditumanosi a ka dirisiwa mo molathetong . "
"Mopalamente a re le ene o ne a bona go le botlhokwa gore a tswe ka mogopolo wa go thusa bananyana ba ba gobeyang mo mebileng mme morago a tlhama lekgotlana la Shishana Trust."
"Mo isagweng, holo eno e tla dirisediwa ditiragalo tse di jaaka meletlo ya kalogo le ditiragalo tsa go amogelwa ga baithuti ba ngwaga wa ntlha."
"Maiteko a Batho Pele a tshwanetse go fitlhisiwa mo teng ga dikabelo tsa motswedi wa lefapha , le kelo e ka yona ditirelo di tokafaditsweng e tla re ka jalo e amege thata ka sebele le ka lona mafapha a bosetšhaba le porofensi a fitlhelelang dipoloko tse di nonofileng tse di ka busediwang gape mo ditirelong tse di tokafaditsweng . "
"Go botlhokwa go tlhokomela gore ga di diterama tsotlhe tse di tlaa nnang le dikgato tse . "
"Dipuisano tseno di diriwa ka go latelana le tiragalo ya isago, e e tla diragalang ka nako ya Khonferense ya Boditšhaba ya Tokyo ya Tlhabololo ya Aforika (TICAD) e e tla tshwarwang go tloga ka la bo 28 go ya go la bo 30 Lwetse 2019 kwa Yokohama, Japana."
"e amegang e ka thusa ka go tsaya dikgato tse di maleba go netefatsa tiragatso tiro"
"Khonferense eno e tla tsepamisa mogopolo mo go godiseng bojanala ka fa nageng ka go e tsenyeletsa moditogamaanong tsotlhe tsa diporofense le dimasepala tsa kgolo le tlhabololo ya ikonomi."
"Fano mmoki o ne a kgaola mola go tshegetsa morumo le morethetho . "