text
stringlengths
0
40.2k
"Mo kabelong ya bana ba Iseraele, mo masomeng a matlhano mangwe le mangwe o tseye setshedi se le sengwe fela, sa batho, sa dikgomo, sa diesela, sa matsomane, e bong ditshedi tsotlhe, mme lo di neye Balefi ba ba tshegetsang tebelo ya motlaagana wa ga Jehofa.”"
"Kabinete e amogetse kwetso e e atlegileng ya loeto lo lo mabapi le tiro lwa ga Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa kwa Stockholm, Sweden go simolola ka la bo 18 go fitlha ka la bo 20 Diphalane 2015, moo a neng a le modulasetiolo le ba bangwe mo Khomišeneng ya Dinagapedi, eo e dirileng gore go thankgololwe komiti ya tikologo, motlakase le metsi ya dinaga tsa kwa tlase kwa borwa."
"Mme a re: “Ga ke na go boa nao, le fa e le go tsena nao, le gone ga nketla ke ja dijo, le fa e le go nwa metsi nao mo felong fano,"
"A boela kwa monneng wa Modimo, ene le lekoko lotlhe la gagwe, a fitlha a ema fa pele ga gagwe; a re: “Bona, jaana ke a itse fa go se na Modimo ope mo lefatsheng lotlhe, fa e se mo Iseraele; ke gone ke a go rapela ka re, amogela mpho mo motlhankeng wa gago.”"
"Morago ga go nwa dino tse pedi o bua thata le go nna le ______ . "
"Ka ga seaparo sengwe le sengwe, le tsotlhe tse di dirilweng ka letlalo, le tiro yotlhe ya maodi a dipodi, le dilo tsotlhe tse di dirilweng ka logong lo di itshekise.”"
"Lefelo la tlhago : Lefelo la tlhago , motswedi kana tikologo ya tshimologo ya setotwana sa musiamo kana selo . "
"Maano ano a godisa dikgato tsa puso tsa go tlisa boitlhamedi mo nageng ya Aforika Borwa."
"MmaMosidi o ne a koafetse , go sa fete letsatsi a sa selwe a ole . "
"Pitikela tsela ya gago mo go Jehofa; o bo o mo ikanye mme, o tlaa go dirafatsa."
"Le Edith o tlolela kwa godimodimo . "
"wa ga Bilega, Shamua; wa ga Shemaia, Jehonathane;"
"Motshameki wa mananeo a thelebišene yo a tumileng Patrick Ndlovu yo a nang le sebaka sa dingwaga di feta di le 40 a na le seabe sa gagwe mo lephateng la Aforika Borwa la botsweretshi le setso."
"Ditshwetso tsa bosiamisi di ka isiwa kwa boikuelong kana tsa lebelelwa gape . "
"Puo ke mokgwa o ka ona re kgonang go tlhaeletsana le go itlhalosa ka ona . "
"Di amogetse sekgele se ka ntlha ya maiteko a tsona a go rotletsa dipuontsi mo Aforika Borwa."
"Basadi , bogolosegolo ba mo kotsing mabapi le tshwaetsego mo maemong a ditso le a ikonomi kwa ba nang le taolo e nnye mo matshelong a bona . "
"e re lo phuthegile, lo na le mowa wa me, le thata ya Morena wa rona Jesu, ka re: Mo ineng la Morena wa rona Jesu,"
"Go botlhokwa gore o itse diteng tsa mojulu o ka gonne jaaka moikatisi wa borutabana , o tlaa itse botlhokwa jwa go ruta terama le gore ke mefama efe mo terameng e o tlaa e sekasekang la baithuti ba dikereiti tse di farologaneng . "
"SETSWANA PUO TLALELETSO YA BOBEDI MEPHATO 1 – 3 MOPHARO 3 KGWEDITHARO 4 TSHIMOLOGO YA LITHERESI Tatelano ya dikgato,Temogo ya medumoPuo,le Puisokopanelo di lomagantswe le Goreetsa le go buisa DITENG/DIKGOPOLO/DIKGONO Tatelano ya dikgato le Temogo ya medumopuo • Supa modumo kwa tshimologong le kwa bokhutlong ba mafoko a a builweng. • Supa palo ya medumo mo di nokongmo mafokong a a tshwanang • Bopa le go kgaoganya mafoko a builweng ka molomo ka dinoko • Supa kamano ya ditlhaka le medumo e emeng e le nosi, e dumisiwa ka go tshwana mo Puo ya gae le Puotlaleletso ya Bobedi.(sk,d,f,g,h,l,m,n,s,jalojalo.) bonye modumo o le mongwe mo bekeng. • Ruta medumo mengwe e e ka tswang e sa tshwane (sk Ditumanosi) • Ruta medumo mengwe e e ka tswang e sa tshwane mo SAL go tswa go Puo Gae • Dirisa dikarata tsa dinoko go aga mafoko ( bona,neela le dira ) Puisokopanelo ( bonnye metsotso e le 15 gabedi mo bekeng) Gangwe kgotsa gabedi mo bekeng, go tswa mo nakong e e leng teng, morutabana o tlotla kgotsa o buisa kgang Dikgang tse di tlotlilweng di ka diragadiwa go diriswa Puo ya dikarolo tsa mmele le moaparo go tshegetsa bokao Dikgang tse di buisiwang di tshwanetse go buisiwa go tswa mo Bukakgolong kgotsa mo phousetareng ya ditshwantsho mo barutwana botlhe ba ka bonang ditshwantsho sentle teng Morutabana o kwala mafoko a tlhagelelang gantsi gotswa mo kgang ,mme a beye mo lebotaneng Ditirwana tsa beke • Reetsa dikgangkhutshwe kgotsa ditlhangwa tse di se nang nnete tse a di tlotletsweng kgotsa tse a di buisitseng go tswa mo Dibukakgolong kgotsa diphousetara tsa ditshwantsho. Ka boitumelo le tsena ka pina ka nako e e maleba. • Buisetsa setlhangwa kwa godimo le morutabana.Barutwana botlhe e buisa setlhangwa kgotsa dikgang tse di se nang nnete le morutabana. • Sala morago setlhangwa se se buisitsweng ke morutabana le ditsala ka tatelano ya puiso e e tshwanang, le go lemoga mafoko a a tlhagelelang ka thelelo e oketsegang. • Buisa ka thelelo ditlhangwa tse di buisitsweng mo Kgweditharo ya 1 le ya 2 mo ditlhopheng mo nakong ya Puisokopanelo. • Dira bokao le go tsibogela dipotso tsa molomo sk, ( Mang?Eng?Kae?go tswa mo kgangnyeng ya Puisokopanelo. • Neela dingwe tsa dilo tse di mo setshwantshongg ka go tsibogela dipotso go tswa go morutabana leditsala. • Diragatsa dikarolo dingwe tsa kgang,o dirisa dingwe tsa mmuisano ka bobedi le ka ditlhopha tse dinnye. • Ka thuso ya morutabana tlotlelanang dikarolo dingwe tsa kgang ka bobedi. Lemoga le go buisa mangwe a mafoko a a tlwaelegileng mo Puotlaleletso ya Bobedi mo phaposing,sk mo mabotaneng CAPS 59"
"Jarete a tshela dinyaga di le 162, mme a tshola Enoke."
"Kwalela mmaagomogolo lekwalo mme o mo tlhalosetse ka moo wena le monnao le fisitseng ntlo ka teng ka ntlha ya go omana ga lona . "
"Boto ya Bakaedi ya Setlamo sa Aforika Borwa se se Mabapi le Inšorentshe ya Dikotsi tse di Ikgethileng (SASRIA).a) Rre Mohamed Adam Samie (o thapilwe gape jaaka Modulasetilo)b) Rre Ranti Mothapo (Motlatsamodulasetilo) lec) Rre Stephanus Hermanus Schoeman."
"Bangwe ba ne ba kgobokantswe golo gole gongwe, seemo sa go lebegang sene se baya bangwe ka mosing mabapi le ipapatsa."
"Lekgarebe fa le raya lekau le re ke sekoropolapa , O itse gore go thata . "
"A re: “Morena ke a dumela.” Mme a mo obamela."
"Mme jaanong, ka o se ka wa lefetsa ka bogale jwa one, le gone ka o sa tlhokomele boitelaganyo bobe;"
"Le Ibehare, Elišua; le Nefege, le Jafie;"
"Mo potsolotsong le BOPA, a re e rile ka 2012, a sena go tsenelela dithuto puisanyo tsa lephata la temo-thuo tse di neng di ruta ka tsamaiso ya dihutshane, a tsiboga mme a gwetlhega go tsaya lenaneo la LIMID."
"Pela e e leswe"
"“Le moeng o se ka wa mo gobetsa, le gone o se mo patike; gonne lona lo ne lo le baeng mo lefatsheng la Egepeto."
"Kabinete e ikuelela mo bannaleseabeng botlhe gore ba dirisane mmogo go fedisa ditiro tsa moepo tseo di seng ka fa molaong mo nageng."
"Gape le dira tlamelo ya Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa le sepodisi sa metro se se maikarabelo e bile se le porofešenale."
"E diragala ga thulaganyo ya masole a mmele wa motho e koafala ka ntlha ya tshwaetso ya HIV , e e sitisang bokgoni jwa tlholego jwa mmele jwa go lwantsha ditshwaetso le malwetse a mangwe . "
"Tlhatlaganyo ya mafoko . "
"Ke tlaa sadisa bangwenyana ba bone mo tšhakeng, mo popamong le mo kgogoding; gore ba tle ba kakanye tsotlhe tse di makgapha tsa bone mo merafeng e ba tlaa fitlhang kwa go yone; mme ba tlaa itse fa ke le Jehofa.”"
"4.11 Tsa botshelo jwa moswi Tsa botshelo jwa moswi ke tshedimosetso e e feletseng fela e le khutshwane ka ga botshelo jwa yo o tlhokafetseng. Fa o kwala tsa botshelo jwa moswi, tlhokomela dintlha tse di latelang: • Neelana ka tshedimosetso e ntsi ka moo o ka kgonang ka teng fela e nne maleba. • Tlhagisa tshedimosetso e e tletseng ka dintlha tse di latelang: • Leina le sefane sa moswi; • Batsadi; • Lefelo le letlha la matsalo; • Letlha le a tlhokafetseng ka lona • Boemo jwa tsalo; • Sebakwa sa loso. • Dithutego le diphitlhelelo; • Tsa tiro (fa a ne a dira) • Seabe mo setšhabeng (fa go tlhokega) • Kemo ya nyalo (fa a nyetswe) le • Mafoko a go robatsa moswi ka kagiso. • Leboko la thoriso la kgotla/la kgoro/lotso lwa moswi (fa le tlhokega) 4.12.1 Sekao sa tsa botshelo jwa moswi Tsa botshelo jwa moswi mme Kaatlega Maria Masea Moswi Kaatlega Maria Masea e ne e le morwadie Matlhokwa Masea- le Moagi Masea. O belegwe ka 23 Ferikgong 1938 kwa motseng wa Nkaikela, e le gofejane ya bana ba le lesome. O simolotse dithuto tsa gagwe kwa sekolong se se potlana sa kwa Bodibe, a ya go di tsweletsa kwa sekolong sego- lo sa Maruatona. A tsenela dithuto tsa borutabana kwa Yunibesithing ya Bokone Bophirima. O simolotse tiro ya borutabana ka ngwaga wa 1963, a ruta kwa sekolong se se potlana sa Thuto Mmelegi mo Boi- khutso. O ne a rola tiro ka ngwaga wa 1998. O ne a segofaditswe ka bana ba le babedi, mosimane le mosetsana.O tlogela bana ba le babedi le ditlogolo di le tlhano, ditlogolwana di le nne. ROBALA KA KAGISO NONYANE YA GAE! KAEDI YA GO RUTA LE GO KWALA DITLHANGWA TSA BOITLHAMEDI LE TSA TIRISANO 33 | SETSWANA"
"Shemaia le Joiaribe, Jetaia;"
"Faele e , e tshola tshedimosetso ka ga dikopano , dithulaganyo tsa kopano le metsotso . "
"Kgosi a re se se dirileng gore go bo go na le Mohembo Botlhaba le Bophirima ke go bo ba raletswe ke noka e seng sekgopi sepe fela."
"Fa pele Molema go ya Mojeng : Moporofesara NCP Golele Mhts . "
"Botlhokwa jwa go leba Bolebapopegogo ya ka melao/ mareo a jone ke go tshwanela gore Bolebapopego bo ikaegile thata mo tirisong ya puo mo dikwalweng . "
"Dikgato tse di sa tseweng ke phefo tsa ga moporesitente di beile kwa pele maano a puso a monongwaga a go samagana le motlakase o o tshabetseng ruri le go dira gore re se tlhole re sokodisiwa ke tlhaelo ya motlakase."
"Puso, ka Pholisi ya Intaseteri ya Leano la Tiro ya Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri (dti), le supile kaonafatso ya diminerale e le karolo eo e tlhagisang bontsi jwa ditšhono tseo babeeletsi ba ka di dirisang go godisa lekala la meepo."
"Naya batho ba supa kabelo, ee, le ba fera mebedi; gonne ga o itse go re go tlaa nna bosula bofe mo lefatsheng."
"yo ke ne ke rata e ka bo ne ne fano ke sa ntse ke na nae, gore a ntirele mo boemong jwa gago, ke le mo dikgoleng tsa Mafoko a a Molemo."
"Molelwane wa bone wa simologa mo Helefe, o tswa mo mookeng wa Saanenime, le Ataminekebe, le Jabeneele go ya kwa Lakume; mme mafelelo a one a nna mo Joretane."
"Motho yo o itseng go bua o kgona go kopiwa go nna sebuisegolo mo meletlo e e kwa godimo , e bile o kgona go bona tiro ya maema a a kwa godimo botlhofo . "
"Mme a sadisa madi bontlhanngwe, mosadi le ene a itse jalo; mme a tlisa bontlhanngwe a bo baya fa dinaong tsa baaposetole."
"Ditshwetso tse di botlhokwa tsa Kabinete."
"Badiri ba tlaleletso ba setse ba thapilwe go kgona go kgotlelela koketsego e e mabapi le topo ya go iponela makwaloitshupo . "
"Sekai sa bo 2 : Ga go modiredipuso ope yo o tshwanetseng go tla mo tirong a le malabulabu a lebega botlhaswa . "
"Moh Sooka o ne a leboga baagi le batho botlhe ba ba dirileng gore tiragalo e e atlege . "
"Se se tla thusa go bona gore o ne a neela tiro efe ya gae mo nakong e e fetileng le gore maduo a yona e ne a abilwe jang . "
"Go tlhomamisa melawana le dikaelo mabapi le dikumo tsa diphologolo le dikumo tse di siamisitsweng . "
"A fela a bua nae gape, a re: “E tlaa re gongwe go fitlhelwe ba le 40 gone.” Mme a re: “Ga nke ke go dira ka ntlha ya ba ba 40.”"
"ka gobo ke ne ke boifa bontsi jo bogolo, fa lonyatso lwa ba makgotla lo lwa ntheregisa ka ba ka tla ka didimala, ke se ka ka tswela kwa ntle ga ntlo;"
"Letsatsi la BoAforika gape le tlhagisetsa maAforika Borwa tšhono ya go ikgolaganya sešwa mmogo le go ikanya sešwa mo go tshegetseng ditsereganyo tsotlhe tsa puso mo go tlhagiseng Aforika e e botoka le lefatshe le le botoka."
"Godimo ga moo, ga twe mosadi mongwe a re diphefo di ne tsa rutlolola ntlo ya gagwe mme dilwana mo tlung tsa se ka tsa senyega, fa e se go koloba fela."
"Mme a re: “A kagiso e nne le lona, se boifeng. Modimo wa lona, le Modimo wa ga rraeno o lo neile khumo mo dikgetseng tsa lona; ke ne ka amogela madi a lona.” Mme a ntshetsa Simeone kwa go bone."
"Dibatana tsa naga di tlaa robala gone; matlo a bone a tlaa tlala ditshedi tse di dumadumang; le bontšhe ba tlaa aga gone, le badimo ba sekapodi ba tlaa kalapa gone."
"Gape ra tla akaretsa Ditheo tsa Ditlamo tse e leng tsa Puso gammogo le tsa Tlhabololo ya Matlole mo ditiregong tsa go rulaganya tsa puso le go tokafatsa go leba le go sekaseka go tlhola go dira ga tsona . "
"Seno se dirwa ka kgolagano le mekgatlho e mengwe jaaka dikolo , madirelo a a maleba , dikereke , mekgatlho ya baagi le setšhaba ka kakaretso . "
"E tlhalosa gore ke tshedimosetso efe e e leng mo lefapheng le go go bolelela gore o ka e fitlhelela jang . "
"Peomolao ya Gauteng e tla tswelela go tlhagisa direkoto tsa dingangisano ka dipuo tsa semmuso di le nne . "
"Gompijeno re ja monate wa mmino jaana1830 DJ Nana 2000 Earful Soul ZA"
"O ne a supa fa moono mogolo wa BOGA e le go rotloetsa Batswana go tsena mo dikgwebong tsa bojanala mme a re Batswana bangwe ba na le dikgwebo tsa di camp sites."
"Dintlhakgolo di thusa mekgatlho , puso , mafapha le batsaa-tshweetso ba ba dirang ka bašwa le go neelana ka mefuta ya ditirelo tsa go fitlhelela ditlhoko tsa bašwa . "
"Letsholo la Meento."
"Sekai sa bo 2 : Mothapiwa o dirisa thoto ya Puso ( dikoloi , dimatshini , fanitshara , le tse dingwe ) botlhaswa , a be a di senya . "
"le gone e seng ka madi a dipodi, le fa e le a dinamane, mme e le ka madi a gagwe ka esi; ya re a sena go dira thekololo e e emeng ka bosakhutleng, a tsenela ruri gangwe fela mo Felong ga Boitshepo."
"Fa go kgonagala , mašwi a letsele a tshwanetse go gamololwa mme a nwesiwe losea ka lebotlolo . "
"Fa dilo di sa fetoge kana di befa , o ka tshwanelwa ke go bona legae le lengwe koo o ka nnang gore wena le lelapa la gago le bolokege . "
"Barutwa ba gagwe ba mmotsa ba re: “Rabi, go ne go leofile mang, a monna yo, kgotsa batsadi ba gagwe, fa e bo ne ne a tsetswe a foufetse?”"
"O amogetse dikerii ya ThB kwa Yunibesiting ya pele ya Potchefstroom ya Thutogodimo Sekeresete ka 1957 mme a nna morongwa kwa Siloam kwa Venda ka yone naga eo."
"Mme nna ka fitlhela a sa dira sepe se se tshwanetseng loso; mme e re ka ene a na a ipiletsa Aguseto, ka laola gore ke tlaa mo isa kwa go ene."
139
"Seelo se tswa mo go reng maloko one a dumalane gore ba koleke bokae."
"Sekolo se Morongwa a neng a ruta kwa go sona . "
"A lopa metsi, mme a mo naya maši; a mo leretse madila a maši ka sejana sa serena."
"Morago ga moo o ne a nna mo thabeng e kgolwane thata, Thaba Bosiu, botlhaba ba Maseru."
"Mme lo tlaa atlafatsa sethathelelo sa selefera, sa ditshwantsho tsa disetwa tsa gago, le dipapetlana tsa gouta tse di apesitseng ditshwantsho tse di tshetsweng, o tlaa di latlha jaaka sekatana se se maswe; o tlaa se raya, o re: “Tloga fano.”"
"Baagi ba musiamo ba tla nna le ditherasetii , badiri , ditsala , baithaopi , batshegetsi le baeti tota . "
"O nwe metsi ka selekanyo, ntlha ya borataro ya nkgwana e e lekanyang; o tlaa nwa ka motlha le motlha."
"le phutso, fa lo gana go reetsa ditaolo tsa ga Jehofa Modimo wa lona, mme lo fapoga tsela e ke e le laolelang gompieno, go ya go sala medimo e sele morago, e lo iseng lo e itse."
"Fa lefatshe la poraefete le tserweng e se ka fa molaong le fa maemo a a kgethegileng a leng teng , mong wa lefatshe a ka ikopanya le kantoro efe kapa efe ya Lefapha la Merero ya Lefatshe la Temo . "
"Melaetsa."
"Setlhopha sa ga Conrad de Swardt se ne sa nna bommampodi ka go fenya Varsity Cricket ka go fenya Red Bull Campus Cricket World Final kwa Colombo, Sri Lanka."
"Itlotle mme o tlole le ba bangwe . "
"Kabinete e ikuela go botlhe ba rona go kgala le go ineela go emisa tshotlako ya basadi le bana mo nageng."
"Go sireletsa ka mokgwa o wa inšorense ga go sireletse fa go diragala mathata a mofuta o le mongwe fela . "
"Bontsi jwa Batswana ba nna kwa Aforika Borwa. Ke bangwe ba batho ba letso la mmala wa sebilo, mme gape Puo ya Setswana ke nngwe ya dipuo di le somelebongwe tsa semmuso tsa naga ya Aforika Borwa. Pele ga ngwaga wa 1994, Batswana ba kwa Aforika Borwa e ne e le baagi ba Bophuthatswana e leng bontlha bongwe jwa karolo ya dinaga tsa Bantustan. Ba kgaogantswe jalo ka nako ya dintwa tsa kwa Aforika Borwa tsa tlhaolele. "
"Go ya ka Baile, go kgatlha tota gore Molao wa Puo (Molao 59 wa ka 1995) o ne wa simolola go dira pele ga Molaotheo wa Repaboliki ya Aforikaborwa (1996)."
149
"Ka fa tlase ga setlhopha go tla wela tota le bana ba tsenelelo . "
"Jaana ga bo go lwala monna mongwe go twe Lasaro wa Bethania, motsana wa ga gabo Maria le Maretha mogoloe."
"Ka 21H20 re leba leano la botlhami jwa Tecsap gore le ka thusa jang go sireletseng matshelo a baagi mo mmileng le go neela motho tṧhono ya go dira kopo ya go beelwa manno mo dipalangweng tsa botlhe Tecsap Prototype. bit.lyKonkaOnline"
"Fa o batla , o ka nna wa tshwantsha phologolo ya gago . "
"Molaotlhomo yono o ka fitlhelwa mo go WEBTOKESekwalwa se Iseng se Butswe sa Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Melao ka Botlalo ya Twantsho ya Bosenyi (GILAB) wa Ngwaga wa 2023 Kabinete e neseditse pula sekwalwa se iseng se butswe sa GILAB sa ngwaga wa 2023 gore se romelwe kwa Palamenteng."
"Kabelo ya taolelo ya botlhano ya tswela lotso lwa bana ba ga Ašere ka fa ditshikeng tsa bone."