text
stringlengths
0
40.2k
"Mme a mo raya a re: “Monna mongwe o kile a dira modiro o mogolo wa maitseboa, a laletsa batho ba le bantsi."
"Jesu a ba raya a re: “Ke tlaa lo botsa potso nngwe, lo mphetole, mme ke tlaa lo bolelela taolo e ke dirang dilo tse ka yone."
"Mokgwa kana mekgwa e e tserweng e tshwanetse go tlhophiwa go tshwanela diponagalo tsa badirisi ba ba amegang . "
"Esera a menolola lokwalo mo ponong ya batho botlhe; gonne o ne a le kwa godimo ga batho botlhe; mme ya re a lo menolola batho botlhe ba ema."
"Mongwe a fise kgomo eo ya moroba mo ponong ya gagwe; a fise letlalo la yone le nama ya yone, le madi a yone, le moswang wa yone."
"Gonne ke rata lwa itse ka fa ke lekang ka thata ka teng ka ntlha ya lona, le ka ntlha ya ba ba kwa Laodikea, le botlhe, ba ba iseng ba bone sebele sa me;"
"Selo se sengwe se a se ratang thata ke go baakanya koloi ya gagwe."
"Gape Kabinete e amogela go itsisewe ga go tlhamiwa ga serala sa SheTradesZA seo se tla thusang dikgwebo tseo beng ba tsona eleng basadi go tsaya karolo mo dikgwebong tsa boditšhabaitšhaba mmogo le mo dimmarakeng tsa teng."
"Mme Dikobe o dira ngwaga wa gagwe wa bomasome a mabedi le bobedi kwa Thamaga Pottery, mme o bolela fa a sa ntse a itumelela tiro ya gagwe fela thata."
"Megopolo e e ntseng e le gona ke tshwetso e e tswang mo dintlheng tse di rileng tse di ikaegileng ka molao . "
"le magakabe otlhe ka fa losikeng lwa one."
"Ga bo go eme fa pele ga tsone banna ba le 70 ba bagolwane ba ntlo ya Iseraele, mo gare ga bone ga bo go eme Jaasania morwa Safane, mongwe le mongwe a tshotse lobeyana lwa gagwe; mme monko wa leru la maswalo wa bo o tlhatloga."
"5. DITLHANGWA TSA TIRISANO TSA PUOTLALELETSO YA NTLHA LE YA BOBEDI 5.1 PAPATSO/PHASALATSO Papatso ke mokgwa o bagwebi ba o dirisang go itsise ka dikungo tsa bona gore bareki ba tle ba tsiboge ka tshwanelo. Fa o kwala papatso/phasalatso, tlhokomela dintlha tse di latelang: • Mophasalatsi a ka dirisa dikuranta, dimakasine, seyalemoya, thelebišene go lemosa babuisi ka ga tsona. • Go dilo di le dintsi tse di ka phasaladiwang jaaka, phatlhatiro, kgwebo le tse dingwe. • Mophasalatsi o tshwanetse go ngoka le go tsibosa babuisi ka go dirisa mokwalo o o bonalang e bile o buisega sentle. • A bontshe dinomoro tsa mogala le lefelo le sebapatswa se ka fitlhelwang kwa go lona. • O ka tlhagisa leina la lebentlele le tlhotlhwa mo papatsong ya dijo kana didiriswa fa e le gore papatso e dirwa ke lebenkele le le rileng. • Papatso ya maemo a a kwa godimo, e e atlegang e tshwanetse go dira dilo tse di latelang: • Go ngoka kgatlhego ya mmuisi • E boloke kgatlhego eo • E bake keletso ya go rua kungo kgotsa tirelo eo • E dire gore mmuisi tota a ye go reka kgotsa a dirise kungo kgotsa tirelo eo. • Netefatsa gore o itse bareki kgotsa badirisi ba ba tobilweng le maitlhomo. • Nako le lefelo le papatso e yang go tlhaga mo go lona (fa kae mo kuranteng, mo makasineng kgotsa mo mofuteng ofe wa tlhaeletsano) • Kagego jaaka fonto le tiriso ya mmala di botlhokwa, • Puo (poapoeletso, botshwantshi, e e susumetsang/e e tlhotlheletsang) KAEDI YA GO RUTA LE GO KWALA DITLHANGWA TSA BOITLHAMEDI LE TSA TIRISANO 35 | SETSWANA"
"Kgato 1 - Lekanyetsa palo ya malatsi a ditshiamelo a mo go ona modiri a neng a thapilwe jaaka moabi mo pakeng ya dingwaga di le nne e e tlang fela pele ga letlha la kopo ya ditshiamelo go ya ka Kgaolo eno . "
"A re o ne a dira ka natla, bogolo jang fa ngwaga wa 2011 o ne a tletse dikgwetlho."
"Setswana Puo ya Gae (HL)/P1 4 DBE/Ngwanaitseele 2016 NSC 6 Mathaithai o ne a ntse a tsholetse batsadi ba gagwe lerumo mo pelong. Ee, tota o ne a ntse a re, 'ba lese wena, ke tlaa ba ruta 40 magokonyane'. Motho ga a itsiwe e se naga. Batsadi ba mmotsolotsa ka ga maikutlo a gagwe, mme a supa letsatsi. Khupamarama re swa ka yona. Maikutlo a gagwe a a hupa mo marameng a gagwe. Magogorwana rokela banneng, e re setsiba sa kobo se tlala, ba se go thuse. Se ne sa tlalela rre Tshikari le 45 Mmaphefo setsiba sa kobo ya botshelo, mme ba gopola Moruti Seleke wa kereke ya bona ya Luthere le mogokgo wa ga Mathaithai, rre Tshipe Rakobo. Ba bileditswe kgang ya mosimane, mme ba se ka ba senya nako. Le bona ba fetile ba mmotsolotsa, mme a gana go fetola maikutlo. O ne a jele mokgwa a o feditse. 50 Nama ya pateletsa e thuba pitsa. Ba dumelana go mo letlelela go diragatsa dikeletso tsa gagwe. 7 Mogokgo a mo laletsa kwa ga gagwe, ka maikaelelo a go ya go mo tlhaba botlhale ka ga isagwe ya gagwe. Kgori e bona lee, lesapo ga e le bone. Kana Mathaithai o ne a bona monatenyana 55 wa go itirela kwa ga Rasegokgo sebakanyana fela, a sa lemoge mathata a a letileng fa pejana mo botshelong ... E rile a fitlha kwa go ena, rre Rakobo o ne a re: 'Monna Mathaithai, ke go biditse jaana, mosimane wa etsho, go go lemotsha setlhabinyana sengwe sa botshelo, se o sa se lemogeng. Se go laletse ka bogale. O se 60 ke wa ithutla mo batsading ba gago ngwanaka ...' 8 Ditiro di senola ditshwetso tsa pelo le maikutlo. Mathaithai o ne a feditse monagano wa gagwe, gore ba ka bua ba be ba kgala mathe mo ganong, 'nna ke ya go itirela'. A fitlhela lefatshe le ja mmamodikwadikwane ka menagano ya gagwe, e bile a sa itse 65 gore a ka tshwara fa kae mo lefatsheng le le kana kana le. Leina lebe seromo. Tota lefatshe le ne le tshameka mathaithai ka ena. Le mo konkonyetsa, a le swabela, a leka go ka phamola maungo a a monate a. [E nopotswe go tswa mo, Mantswe a a robong; JR Marobe] 1.1.1 Tlhopha karabo e e maleba ka go kwala tlhaka e e nepagetseng A, B, C kgotsa D. Lereo 'maotlana a mmuso' le raya bomang? (TEMANA 1) A Bana ba motse B Dialogane C Mapodisi D Baeteledipele ba puso (1) 1.1.2 Naya batho ba Mathaithai a neng a ikgatholosa dikgakololo tsa bona. (2) 1.1.3 Nopola tlhagiso e e kayang fa Mathaithai a ne a ngwegetse kwa ba neng ba sa mmone bonolo teng. (TEMANA 2) (2) Kwalololo e ileditswe Phetla"
"Ga go na foromo ya kgopelo . "
"Maitlhomomagolo a Molaotlhomo ono ke go gokaganya tshireletso ya Kitso ya Tlhago le go busetsa le go lemoga Kitso ya tlhago e e amanang le, gape e le ya baagi ba selegae mo Aforika Borwa."
"Ke ngaparetse ditshupo tsa gago; Jehofa, o se ka wa ntlhabisa ditlhong."
"Louzanne Coetzee (le mokaedi Erasmus Badenhorst) o ne a fenya metale wa selefera wa Pharalempiki mo dimitareng tse 1 500 tsa basadi."
"Fekese e tsenya tshedimosetso e ntsi ka mo go ka tlhokegang . "
"Moporesitente o thapile Moatefokate Andrea Johnson go etelela pele Lephata la Dipatlisiso la NPA mmogo le Moatefokata Thembisile Majola go nna Mokaedikakaretso (DDG) o montšhwa mo go SSMoporesitente o thapile gape le Moatefokate Navilla Somaru go okama maemo a Bokaedi jwa Tshekiso ya Baagi (DPP) kwa porofenseng ya Foreistata Moatefokate Matodzi Rachel Makhari-Sekhaolelo go okama maemo a DPP kwa porofenseng ya Bokone Bophirima mmogo le Moatefokate Nicolette Bell go okama maemo a DPP kwa porofenseng ya Kapa Bophirima."
"Ditshwaelo , dipotsolotso , dithadiso tsa media tse di ikemetseng le dithagelelo tsa kuranta gape ke tekanyetso ya katlego ya musiamo . "
"gonne monna ke tlhogo ya mosadi jaaka Keresete le ene e le tlhogo ya phuthego, ka e bile e le ene mmoloki wa mmele ka esi."
"Supa mefuta e mebedi ya tlhatlaganyo mo mabokong a le mararo a o a itlhophetseng . "
"Le dijo tsa me tse ke ne ke di go neile, setou, le lookwane le dinotshe tse ke go otlileng ka tsone, wa di baya fela fa pele ga tsone go nna lonko lo lo otlileng ka tsone, wa di baya fela fa pele ga tsone go nna lonko lo lo monate, mme ga nna jalo. Go bua Morena Modimo."
"A re fa diathikele tsa ntlha tsa babatlisisi di phasaladiwa, go nna botlhokwa gore ba se ka nna fela ka mabogo."
"Bosigo a sa robale a re o bona dilo."
"Diterebe di butswa go sale gale mo gare ga setlha, go simolola ka seripa-gare sa ntlha sa Tlhakole."
"Barutwana ba rutilwe bontsi jwa malepa a motheo a go neela puo pele ga kgato e . "
"Le gale , go maleba kwa dikarolong tsotlhe le go bathapiwa ba lephata la setšhaba ba ba laolwang ke molao o mongwe , jaaka pusoselegae le dipharaseteitale , barutabana mo mafapheng a thuto , mmogo le Tirelo ya Sepodisi ya Aforikaborwa , Masole a Tshireletso a Bosetšhaba a Aforikaborwa le Ditirelo tsa Matlhale . "
"Tona o boletse fa barutabana ba tshaba baithuti gape ka gore batsadi bangwe ba nna bogale fa bana ba kgalemelwa."
"A ba raya a re: “Le fa e le mang yo o tlaa tsholang ngwanyana yo ka leina la me, o tshola nna; mme le fa e le mang yo o tlaa ntsholang, o tshola ene yo o nthomileng; gonne yo o leng mmotlana bogolo mo go lona, ke ene yo e leng mogolo.”"
"E ntse e le kwa Maake, re ne ra buisana le Mme Beauty Mareetsane, yo le ene a dirang ka matlalo."
"Tsweetswee ela tlhoko gore dikabelotiro tse di tlang morago ga nako di tla otlhaiwa ka 10% ka letsatsi / bontlhanngwe jwa letsatsi . "
"Ba mo raya ba re: “Didimala, o ipeye seatla mo molomong, o tsamaye le rona, o nne rraa rona le moperesiti wa rona; a go molemo bogolo go wena go nna moperesiti wa ntlo ya motho a le mongwe fela, gongwe go nna moperesiti wa lotso le wa losika mo Iseraele?”"
"Batho botlhe ba na le maikarabelo a go tsweletsa tekano . "
"Lefatshe la Botswana le nna le diporo tse tshwaraneng le tsa mafatshe a Zimbabwe le Aforika-Borwa. Le ntswa go nne go solofetswe go bulwa ga seporo sa motlakase ka ngwaga wa 2006,se se yang Lüderitz kwa lefatsheng la Namibia go isa magala,ga gona seporo se tlhamalalelang kwa lefatsheng la Namibia mme go nna le se se fetang ka lefatshe la Aforika-Borwa."
"Mosireletsi wa Setšhaba le badiri ba tla tshola leina la mongongoregi sephiri fa go tlhokega , mme fa kgonega jalo ka gotlhe . "
"“E rile ke rata ke ka bo ke fodisa Iseraele, foo boikepo jwa Eferaime jwa senolwa, le bosula jwa Samaria; gonne ba dira maaka; le legodu le tsene mo teng, ditlhopha tsa dinokwane di be di gape kwa ntle."
"Porofense go ya ka Molaotheo o mošwa, mme a tsweletsapele tiro ya gagwe ya"
"Di beye ka bothakga ka mokgobo . "
"Ditlhwatlhwa tsa sefepi sa diphologolo le tsona di ya tlase le godimo, ka jalo ga gona netefaletso ya gore seno se tla isa kwa lotsenong lo lo botoka ka dinako tse ditlhwatlhwa tsa sejalo di leng kwa tlase."
"O tsamaisa , o rulaganya le go sekaseka metswedi ya setho le ya ditšhelete ya Yuniti ya Maina a Mafelo . "
"Bomorwa Latane: e le Jehiele yo mogolo, Sethame le Joele, ba le bararo."
"Foo a tsaya morwawe yo mogolo yo o tlaa busang mo boemong jwa gagwe, a mo isa tshupelo e e fisiwang godimo ga lorako. Ga nna kgakatsego e kgolo ka ga Iseraele; mme ba mo tlogela ba boela kwa lefatsheng la ga bone."
"Go busediwa morago ga gore Aforika Borwa e amogele Tiragalo e e diragalang ka Nako e le Nngwe ya Letsatsi la Lefatshe la Mawatle (World Maritime Day Parallel Event (WMDPE))."
"Ka 1988 Molao wa Lenyalo le Tlhabololo ya Thoto ya tsa Manyalo 3 wa 1988 , o o tseneng mo tirisong ka di 2 Sedimonthole 1988 o tlametse gore le fa balekane kwa tshwaraganong ya tseo ya setso ba ka nyala yo mongwe gape ka meetlo ya selegae , molekane a ka se nyale mo go amogelesegang motho wa boraro ka meetlo ya selegae ka nako ya go nna teng ya tshwaragano ya setso . "
"Fa motshitshi wa dinotshe o goroga mo mannong a rona , se re batlang go se dira la ntlha ke go di bolaya mme re sa nagane gore re a itshenyetsa . "
"Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996 o laela ditheo tsa tirelo ya tsa molao, go tsenyeletsa le tirelo ya sepodisi, ba tshwanetse go thibela, go lwantsha le go batlisisisa bosenyi, ba nne le taolo ya setšhaba, ba tshegetse le go sireletsa baagi ba yona le dikago tsa bona tse di farologaneng le go tsholetsa le go tsenya molao tirisong."
"Go reetsa ka matlhagatlhaga go botlhokwa thata mo go ithuteng , mmogo le mo go ageng dikgolagano kgotsa botsalano jo bo tlotlegang . "
"Polante e e tla tlhagisa dikoloi tsa ntlha tsa motlakase go rekisiwa mo Aforika Borwa."
"Serutwa se Jabulile a nang le bokgoni mo go sone se akaretsa dithuto tsa ikonomi tsa tlhabololo mmogo le dithuto ka lehuma."
"Fa motho a ama sengwe se se itshekologileng, boitshekologo jwa motho, kgotsa setshedi se se itshekologileng, kgotsa se se makgapha, sengwe fela se se itshekologileng, mme a ja nama ya tlhabelo ya ditshupelo tsa kagiso, tse e leng tsa ga Jehofa, motho yoo a a kgaolwe mo bathong ba ga gabo.”"
"Bana ba Iseraele ba tsaya metse e, e na le dintlhana tsa yone, mo bosweng jwa bone, ba e naya Balefi, ka fa taolong ya ga Jehofa."
"Ka segarona rea tle re re: Ere o ise o ye go tsoma, o lootse lerumo la gago. Go thusa eng go nyala motho, mme o le bokoa ka ntlha ya go sa tiisang maatla a mmele ka tshwanelo? A jaana ebile ga se kotsi, fa ditokololo di sa dirisiwe? Gonne foo di ka gokgafala. "
"Ba atamela motsana o ba yang kwa go one; mme ene a dira jaaka e kete o fetela pele."
"Molao wa Boitshupo o o simolotseng go dira ka ngwaga wa 1986 , o itsisitse lekwaloitshupo le le botala jwa tlhaga jaaka re le itse ga jaana . "
"Tumelano e latela tumelano e e tshwanang le eo ya fa gautshwane magareng ga Annhauser Beush InBev e e amanang le go rekwa ga SAB Miller."
"Rre Makwakwa o ne a tlhalosa gore se ga se reye gore vision 2016 e padile."
"Kgwebo ya nna ya tswelela, go se sefatlhi sepe."
"Ditlhotlhwa tsa dikereiti tse di emelang lloto di tla tshwana le ditlhotlhwa tsa peterolo e e se nang lloto ya octane e e tshwanang . "
"Kabinete e itumediswa ke gore dikgato di le dintsi tsa puso tsa go rotloetsa maAforika Borwa go nna le seabe mo ikonoming, segolo jang bašwa, di setse di simolola go ntsha maungo."
"e re ka re na le moperesiti yo mogolo, yo o laolang ntlo ya Modimo,"
"Go na le thotloetso mo diporojekeng tse dintšhwa le tse di katolosiwang . "
"Maloko a lekgotla la baruti kwa Thamaga le Molepolole a ne a kopanye go itebaganya le seemo se se tshwenyang thata sa kanamo ya mogare wa HIV.E rile a bua kwa moletlong wa go gakologelwa le go hutsafalela batho ba ba amilweng ke HIV/AIDS, Moruti David Thokwane wa kereke ya Calvary Baptist kwa Molepolole a supa gore baruti ba tshwenngwa thata ke ka fa mogare o anamang ka teng.A re ba ne ba bone gore gongwe lefa ba ka tswa ba rera efangele kwa dikerekeng tsa bone ga go a lekgana mme ba tswele kwa setshabeng ba se rute ka boikgapo le boitshwaro.Moruti Thokwane a re setlhogo sa go isa kereke kwa bathong le go itebaganya le bakapelo ba bantsi, se rwele go le gontsi ka se supa gore mogolagang wa bakapelo ke one o anamisang mogare, mme a re fa batho ba kgaola chaene ya baratani, go ka thusa go tlhabantsha kanamo ya mogare.O ne a re boitshwaro jo bo siameng bo ka fokotsa kanamo ya mogare le go inaakanya le modimo.A re temana nngwe ya re lefoko la modimo ke lebone la dinao tsa me seo se raya gore lefoko le ka bonesetsa motho go mo inola mo sebing ka go tlhaloganya molemo le bosula.Moruti Thokwane a re se se tlhabisang ditlhong ke gore lefa mogare o anama jaana, baruti le bone ba na le seabe ka go supega ba amega mo tlhakanelong dikobo e e sa sireletsegang le go itseela dikobo ka dikgoka mo bananeng.A re baruti ba tshwanetse go nna sekao mo setshabeng, ka go solofetswe dithuso tse di ka isang setshaba golo gongwe mo go bone.O ne a re sengwe ke nyalo ya lefufa e e senyang ngwao ebile e seyo le mo baebeleng ka e le maikutlo a batho bangwe ba ba iphitlhang ka baebele ba re ya re ba ka nyala basadi ba feta bongwe.Moruti Thokwane o ne a rotloetsa gore mongwe le mongwe a nne lefufa ka mogare wa gagwe, gore a seka a o anamisa le go o abelana le ba bangwe ka tlhakanelo dikobo.Moruti wa Flying Mission Church of Botswana Emanuel Ngwako o ne a re kereke e na le mananeo a go thusa bana, batsadi le botlhe go fokotsa tirisanyo le bakapelo ba bantsi.A re kereke e na le bokgoni go neela motho lefoko, le go retolola setshaba go fedisa malwetse a a sa foleng.A re seo se ka dirwa ka tumelo le tsholofelo ya batho ka bongwe ka bongwe fela fa ba batla go fetoga go tsalwa sesha mo tumelong."
"Fa e le a,b,a,b,c,c , go raya gore ke ya leboko lotlhe . "
"Hukuntsi o okametse kgaolwana ya bokone ya Kgalagadi ka go rialo ke motse wa ditirelo tsa puso tsa metsana ya koo. E ntse e le mo Hukuntsi go nale kokelo le kokelwana, dikolo tse tharo gape le sekolo se segolwane se le sengwe. Ditirelo tse di leng teng mo Hukuntsi di akaretsa matlo a go gorogelang baeng, mabentlele a a rekisang dijo tse di apeilweng, lebentlele le le ikemetseng ka nosi, mabentlele a matona a mabedi, mabentlele a a rekisang nama gape le a mangwe."
"Mme a raya Moše a re: “Nna Jethero, mogwagadio, ke tsile kwano go wena, ke na le mosadi wa gago le bomorwao boo babedi nae.”"
"Bakwadi le Bafarisai ba simolola go akanya go re: “E mang yo, yo o buang ditlhapatso? E mang yo o ka itshwarelang dibe fa e se Modimo osi fela?”"
"(b) go tlhokomela bokgoni le manotlhotlho a ditirelo tsa sepodisi;go akarediwa"
"Seno, se abela baagi tšhono ya go ikgolaganya le Khuduthamaga ka ga merero e e ba amang le gape go fa puso tšhono ya go bolelela batho ka ga tiro ya yona."
"Tlhalosa gore go ya ka maitemogelo a gago , ke eng se bana ba se fitlhelelang . "
"Gonne lona, bagaetsho, lo tlogile lwa nna baetsi ba diphuthego tsa Modimo tse di mo Jutea mo go Keresete Jesu; gonne le lona lo bogisitswe dilo tse bone ba di utlwisitsweng botlhoko ke Bajuta;"
"Paka ya nakwana e e beetsweng badiredipuso go senola ditiro tsa bona ka fa tlase ga melawana ya bodiredipuso ya 2016 e khutlile ka la bo 31 Ferikgong 2017."
"Mme tota, leemedi la nnete e tshwanetse go nna ‘di,’ le emela ‘dibui.’"
"Ke a lo raya ka re, Elija o setse a tsile, mme ba bile ba mo diretse jaaka ba rata, fela jaaka go kwadilwe ka ga gagwe.”"
"Moagi mongwe le mongwe o na le tetla ya go dira boikgethelo jwa sepolotiki go"
"O nne o botse gore, a duelwa jang?"
"Motšhotšhisi o dirile Kopo ya ka Bonako kwa ICC kwa ntle ga go naya Aforika Borwa kitsiso epe fela.
Motšhotšhisi o kopile gore dintlha tsa Kopo ya ka Bonako e nne khupamarama, fela tshwetso ya ICC yona e dirilwe phatlhalatsa.
ICC e reeditse morero ka gangwe fela mme ya rebola Tshwetso ya yona.
Tota ICC, kwa ntle ga go reetsa Aforika Borwa, e sweditse gore dipuisano go ya ka Athikele ya bo 97 di khutlile mme Aforika Borwa o ne a na le maikarabelo a go tshwara le go neela Moporesitente Omar Al-Bashir.
Jaaka go setse go kailwe, tshwetso eo e dirilwe ntle le gore Aforika Borwa a itsisewe ka gope.
Aforika Borwa jaaka Mmuso o e leng Tokololo ya Molao wa Roma wa ICC le jaaka tokololo ya Kokoano ya Mebuso ya Ditokololo e ne e na le tshiamelo ya kitsiso ya Kopo ya ka Bonako ya Motšhotšhisi go ICC le go reediwa mo morerong, bogolo segolo ka ntlha ya fa go ne go rulagantswe dipuisano.
Go ikemela ga Aforika Borwa jaaka naga gape go kaya gore e na le tshiamelo ya go tsewa ka tekatekano le tlotlo, go sa kgathalesege gore maemo a ntseng jang.
Go lebega e kete ICC ga e a dira taletso ya go buisana le Aforika Borwa go ya ka Athikele ya bo 97 ka boikanyego le ka maiteko a a tletseng le a boammaaruri go thusa Aforika Borwa.
Ka jalo, Aforika Borwa o sweditse go sekaseka seabe sa yona mo Molaong wa Roma wa ICC.
Diathikele di le pedi mo Molaong wa Roma di botlhokwa fa go lebelelwa maemo ao Aforika Borwa e tshwanetseng go a tsaya malebana le tirisanommogo ya yona le ICC mo isagong.
Diathikele tseno ke ya 119 le ya 127.ATHIKELE YA BO 119Tharabololo ya dikgotlhang.
Kgotlhang nngwe le nngwe e e amanang le ditiro tsa bosiamisi tsa Kgotlatshekelo e tla rarabololwa ka tshwetso ya Kgotlatshekelo.
Kgotlhang nngwe le nngwe magareng ga Mebuso ya Ditokololo e le mebedi gongwe go feta e e amanang le thanolo gongwe tiragatso ya Molao ono e e sa rarabololweng ka dipuisano mo dikgweding di le tharo morago ga tshimologo, e tla fetisediwa kwa Kokoanong ya Mebuso ya Ditokololo.
Kokoano e ka swetsa ka boyona go rarabolola kgotlhang gongwe ya dira ditshitshinyo malebana le dikgato tse dingwe tsa tharabololo ya kgotlhang, go akarediwa go fetisediwa kwa Kgotlatshekelong ya Boditšhabatšhaba ya Bosiamisi go obamelwa Molao wa Kgotlatshekelo eo.
Athikele ya bo 119 e samagana le mabaka a le mabedi:Sa ntlha, dikgotlhang tse di amanang le tiro ya bosiamisi ya ICC: le, sa bobedi, kgotlhang nngwe le nngwe magareng ga Mebuso ya Ditokololo e le mebedi gongwe go feta malebana le thanolo gongwe tiragatso ya Molao wa Roma.
Malebana le la ntlha fa godimo, Aforika Borwa e ka nna le kgotlhang le ICC malebana le Tshwetso e e dirilweng go latela Kopo ya ka Bonako ya Motšhotšhisi ya Taelo go tlhalosa gore a Dipuisano tsa Athikele ya bo 97 le Aforika Borwa di konoseditswe le gore Aforika Borwa e na le Maikarabelo a go Golega ka Gangwe fela le go Neela Moporesitente Omar Al Bashir.
Aforika Borwa e tla nna le dipuisano le ICC mo morerong oo ka maitlhomo a go tlhaloganya mabaka a ICC le ka moo e ranolang Athikele ya bo 97 ka gona.
Gape Aforika Borwa e batla go tlhaloganya go tswa go ICC gore maikarabelo a yona ke afe go ya ka Athikele ya bo 98(2) kwa Mmusong o o kopilweng o o ka sekeng wa diragatsa taelo ya go golega ka go gataka maikarabelo a boditšhabatšhaba.
Gape Aforika Borwa e ikaelela go tlhagisa morero ono kwa kopanong e e latelang ya Kokoano ya Mebuso ya Ditokololo tsa Molao wa Roma wa ICKa ntlha ya bomarara jwa matshwenyego a setegeniki le molao a re nang nao, Aforika Borwa e tla lebelela gape go fetisetsa morero kwa Kgotlatshekelo ya Boditšhabatšhaba ya Bosiamisi gore e tseye tshwetso mo morerong.
Athikele ya bo 97 ga e ise e tsamae e dirisiwe ke ICE ne e le la ntlha Mmuso o e leng Tokololo o lalediwa ke ICC go buisana nayo malebana le mathata a e ka nnang nao go diragatsa taelo ya go golega e e ka lebisang kwa goreng Mmuso o e leng Tokololo o tlole maikarabelo a ona a boditšhabatšhaba.
ICC e ne e tlhoka go tsaya morero o ka tlhoafalo mme maphata oo mabedi a ne a patelesega go buisana ka boikanyego.