text
stringlengths 0
40.2k
|
---|
Aforika Borwa e ka akanya ka go ikgogela morago go tswa mo ICC, e le kgato ya bofelo.
|
Tshwetso e e jalo e ka tsewa fa fela Aforika Borwa a feletswe ke ditharabololo tsotlhe tse a nang natso go ya ka Molao wa Roma wa ICC, Tumelano ya Ditšhabakopano mmogo le didiriswa tse dingwe tsa molao tsa boditšhabatšhaba.
|
Athikele ya bo 127 e lebeletse go ikgogela morago go tswa mo ICC mme e na le ditlamelo tsa gareng ga tse dingwe.
|
Mmuso o e leng Tokololo, o ka ikgogela morago mo Molaong, ka kitsiso e e lebisitsweng kwa Mokaedikakaretsong wa Ditšhabakopano (UN).
|
Go ikgogela morago go tla diragala mo ngwageng morago ga go amogelwa ga kitsiso , kwa ntle ga fa kitsiso e tlhalositse letlha le le kwa moragonyana.
|
Aforika Borwa o tla tsenela dipuisano tsa gangwe fela le AU le mebuso e e leng ditokololo tsa yona malebana le ka moo go ka dirisiwang dikgato tsa tharabololo ya dikgotlhang tsa Aforika ka teng kwa ntle ga tshenyo ya nako go netefatsa gore bosenyi jo bo tseneletseng jo bo amang dinaga tsa boditšhabatšhaba ka kakaretso ga bo tlogelwe ntle le go otlhaiwa le gore go netefadiwa gore go nna le tsheko ka go tsaya dikgato kwa legatong la bosetšhaba le ka go tokafatsa tirisanommogo ya boditšhabatšhaba."
|
"Ke bua se gonne , ka kabakanyo ya rona , ga se gantsi mo setšhaba se bidiwang go leka ka bojotlhe jwa sona go fitlhelela toro e e rileng . "
|
"Le wena o tlaa tagwa, o tlaa sujwa; le wena o tlaa batla kago ya phemelo e e thata ka ntlha ya mmaba."
|
"Batho ba tlaa mo opela diatla, ba mo otsa, ba mo ntsha felong ga gagwe.”"
|
"146 ."
|
"Capricorn Investment Holdings e na le maloko a mangwe a a dirang le madi ka bogotlhe kgotsa a mo go one karolo ya one e dirang le tsa madi, go akaretsa :"
|
"Ke ne ke lebeletse kwa Old Naledi, gore mo re go dirang, bana ba Old Naledi ba ne ba go tswela pelo, bogolo jang bonnake."
|
"Mme a tseye mosadi yo o sa ntseng a le mo bokgarebaneng jwa gagwe."
|
"Moporesitente Cyril Ramaphosa o bnontshitse tlotlo mo go motshameki ono wa mo malobeng wa rakabi ka go mo rebolela Tirelophitlho ya Semmuso e e Itlhophileng ya Kgato ya Porofense ya Maemo a Bobedi."
|
"O ne a sedimosa temothuo , maatla , bojanala , madirelo a setso , maphata a a rileng a ntshetsontle ( go tsenyelediwa tirego ya temothuo ) , le tshedimosetso le madirelo a tlhaeletsano ya megala . "
|
"Phetolelo kakaretso LEREO TLHALOSO Kgodiso ya bonyana ya go sale gale ke lereo le le okameng le le dirang mo tsamaisong ya bana KGODISO YA BONYANA YA ba ba sa tswang go belegwa go ya go dingwaga di le robongwe go gola le go kokotlegela mo GO SA LE GALE KBG mmeleng, tlhaloganyong, maikutlong, moweng, bothong le kamanong . Moago mongwe le mongwe kgotsa lefelo le le tlhokometsweng kgotsa le dirisitswe, go bonwa kgotsa go sa bonwe moputso. Go amogela, go sireletsa le tlhokomelo ya nakwana kgotsa e e sa felelelang ya bana ba ba fetang borataro ba sa nne le batsadi ba bone. Go laolwa ke ikwadiso, lefelo la kgodiso ya go sa le gale ya bonyana le ka amogela masea, banyana le kgotsa bana ba Lefelo la kgodiso ya go sa le ba dingwaga tse di lekaneng tshimologo ya sekolo. Lereo le la lefelo la kgodiso ya go sa le gale gale ya bonyana la ya bonyana le ka raya keretshe , lefelo le le tlhokomelang bana ba bannye mo motshegareng, lefelo la go tshameka , sekolo se se simololang,lefelo la tlhokomelo morago ga sekolo jalo, jalo . Mafelo a kgodiso ya go sa le gale ya bana ka dinako dingwe a bidiwa ditšha tsa kgaolo ya kgodiso ya go sa le gale ya bonyana . Motlhokomedi wa Kgodiso ya (Bona motlhokomedi wa bana ) go sa le gale ya bonyana Manaane a kgodiso ya go sa Tse ke ditirwana tse di rulagantsweng go godisa mmele, Tlhaloganyo, maikutlo,mo moweng , le gale ya banyana botho le kamano ya bana sa tswang go belegwa go ya ya go dingwaga di le robongwe. Ditirelo di le mmalwa ( sekao , thuto, boitekanelo, tshireletso ya kamano ) e e neetsweng go Ditirelo tsa kgodiso ya go sa le rupella kgolo le go gola ga mmele, Tlhaloganyo, maikutlo, semoya, botho le kamano ya bana gale ya bonyana ba ba sa tswang go belegwa go ya go dingwaga di le robongwe. Tiragatso e e tseneletseng e tsepame mo tirwaneng le ditsamaiso tse di letlelelang bana go tlhotlhomisa ditlhokwa tsa bone, dikgatlhegelo le go neela dithuso tse di farologaneng tse di Tiragatso e e tseneletseng maleba le go ithuta le kgolo ya bone. Tiragatso e e tseneletseng e ikaegile ka dipholisi tse di fitlhelelang ditlhokego tsa bana botlhe ba bannye jaaka White Paper 5 le The Child Care Act. Tikologo e manaane a kgodiso ya go sa le gale ya banyana a fitlhelwang mo go yone a na le ka Tikologo fa gare, ka kwa ntle le tikologo ya maikutlo e bana ba golang le go ithuta mo go yone. Batlhokomedi ba kgodiso ya go sa le gale ya banyana ba tlhatlhelela thuto. Ba ela tlhoko ditlhokego tsa kgolo le dikgatlhego, ba rulaganya ditirwana go fitlhelela se, ba dira ditirwana Go tlhatlhelela le bana le go tlhatlhelela dikgatlhego le go tsaa karolo ga ngwana mongwe le mongwe. Go tlhatlhelela go kaya ‘go direla ngwana bonolo go tsaya karolo le go ithuta”. Batho ka nosi, ba ka kgolagano kgotsa tumalano , ba itlhophela go dula mmogo ba neela Ba lelapa tlhokomelo , ba tlamelana le go amana le bang ka bona . Mophato wa R ke ngwaga pele ga Mophato wa 1. Thuto ya Bosetshaba e lemogile dithulaganyo di le tharo tsa ketleetso ya ngwaga wa kamogelo ( Mophato R ) : ba ba leng mo tlase ga taolo Mophato wa R ya dikolong tse di potlana tsa botlhe, ba ba leng mo ditsheng tse di ikaegileng ka morafe le ketleetso e e ikemetseng ya manaane a ngwaga wa kamogelo . Kitso ya setso ke kitso e e tshotsweng ke malapa le ditlhopha. e fetisediwa kwa ditshikeng tgo tswa mo tshikeng go ya go e nngwe . Kitso ya selegae le go e dirisa ke e e dirisiwang mo dikgaolong tsa tikologo sekao, baagi ba Setso , kitso ya selegae le go Porofense ya Limpopo e ka dirisa kitso ya selegae le ditiriso tse di siametseng lefelo leo, mme dira tse di ka farologanang le tsa kwa kgaolong ya Karro Kapa Botlhaba Melawana e ya kharikhulamo, e godisa tiriso ya setso, kitso ya selegae le go dira ka masea, banyana le bana ba bannye, se se oketsang kgolo le go ithuta ga bona. Fa re dira ka maikaelelo, re itse se re se dirang, go reng le gore jang?. Re rulaganya dikgato tsa rona ka maikemisetso le ka maitsholo a rona gore bana ba bone gore re itshola jang re le batho Go dira ka maikaelelo mme ba ka aga mekgwa ya bone ya go akanya le maitsholo ka go itshola ga rona , ba itumelele ditirwana tse di rulagantsweng bogolo setona go ithuta , ditlhokego le dikgatlhego tsa bone tse di rileng . 84"
|
"Phuthego yotlhe ya bana ba Iseraele ya phuthegela kwa Shilo, mme ba tlhoma mogope wa bophuthegelo teng; lefatshe la bo le fenyegile fa pele ga bone."
|
"A mo dira morena wa ntlo ya gagwe, le molaodi wa dithoto tsotlhe tsa gagwe;"
|
"O tseye madi a tetlanyo mo baneng ba Iseraele, o a beele tirelo ya mogope wa bophuthegelo, gore a nne segopodiso mo baneng ba Iseraele fa pele ga Jehofa, go direla mewa ya lona tetlanyo.”"
|
"Foo ba tsaya Jeremia, ba mo latlhela mo moleteng wa ga Malakia morwa kgosi, e le molete o o mo lwapeng lwa balebedi; ba folosa Jeremia ka megala. Mo moleteng go ne go se na metsi fa e se loraga fela; Jeremia a roromela mo lorageng."
|
"Jalo bagolwane botlhe ba Iseraele ba tla kgosing kwa Heberone; mme kgosi Dafite a dira kgolagano nabo mo Heberone fa pele ga Jehofa; mme ba tlotsa Dafite, gore a nne kgosi ya Iseraele."
|
"ka ntlha ya bolekane jwa lona mo go tsamaiseng Mafoko a a Molemo, e sa le ka letsatsi la ntlha le go tla motlheng wa gompieno."
|
"Fa batsadi ba tsena mo maratong a masha, go le gantsi ngwana a iphitlhela ba le mo seemong se se bokete go amogela yo o tsenang mo botshelong ja motsadi wa gagwe."
|
"Aforikaborwa o na le patelesego ya boditšhabatšhaba ka fa tlase ga ditumalano tse di tlamang le molao wa tlwaelo wa boditšhabatšhaba mo karolong ya ditshwanelo tsa setho tse di tsweletsang tekano e bile di itsa kgethololo e e seng tshiamo . "
|
"Seno se supa gore Aforika Borwa e sa ntse e le boyo jo bo gaisanang jwa dipeeletso le fa ikonomi ya lefatshe e ntse e le mo mathateng, mme se tla lebisa kwa ditšhonong tsa ditiro mmogo le tlhabololo ya bokgoni jwa maAforika Borwa otlhe."
|
"Mme ga nna fela jaana, e rile Jehofa a sena go bua mafoko ao le Jobe, Jehofa a raya Elifase wa Motemane, a re: “Botšarara jwa me bo go tuketse, le ditsala tsa gago tse pedi, gonne ga lo a bua se se siameng ka ga me, jaaka Jobe motlhanka wa me a buile."
|
"Johannesburg is setse e le kwa pele mme e bile e ikaeletse go dirisa R1.2 bilione go tsweletsa Rea Vaya pele . "
|
"Fela jaaka baeteledipele ba metse ka go farologana kgosi wa Ntlhantlhe, Kgosi Malepa Orekeng le ene o iteetse ditlhabololo tse di sa tswang go dirwa mo motseng wa gagwe legofi."
|
"Khansele ya Mmasepala."
|
"wa bobedi e le Kileabe, wa ga Abigaile mosadi wa ga Nabale wa Mokaremele; wa boraro e le Abesalome morwa Maaka morwadia Talemai kgosi ya Gešure;"
|
"Tota ka dingwaga di setse di kgabagantse, mmele le one o setse o lapile, o ne a ntse a tsamaya ka bokoa."
|
"Selo sa basadi Mo sekhutlhwaneng sa Science Tech. re buisana ka WowX Liquid Screen Protector.Moeng wa rona ke Chris Makholoza, ke Software developer and innovator."
|
"18h000...Phaposi kgwebo e lopile dikgwebo, puso le badiri go tswelela go dirisana ka mowa o le mongwe, le mororo go na le magatwe a a dikaganyeditseng tona ya matlotlo Pravin Gordhan..."
|
"Re solofela gore maiteko a rona a go rotloetsa karolo e ya ditšhono a tla thusa go romela molaetsa , segolo go bašwa , gore dinonofo tsa bataki di tlhokega mo kgolong ya ikonomi fela jaaka dithutego tsa maemo a mangwe . "
|
"mashi lebele ke mashi diriwang ke mabele motho wa mme direlwa masea mashi ke motswedi wa menontshane ya masea sa tswang go tsholwa pele ga ba simolola go ja le go sila dijo masea magolwane ba ka tswelela ba amusiwa ele gone fela kana go kopantswe le go ja dijo go tswa kgwedi tse thataro fa ngwana simolola dijo dipoelo ngwana yo ayang mo go mmagwe ke tsela tlwaelesegileng ya go bona mashi lebele mme mashi ka gopiwa abo nowa ka lebotlele kopi kana leswana mashi lebele ka fiwa ke mme sele seng ene mmagwe ngwana ka nna ka go abela mashi pompilweng kana fa mme amusa ngwana ka lebele la gagwe mme ese ngwana wa gagwe"
|
"Ditefiso tsotlhe di ka fetoga ka ntlha ya fa di sekasekwa ngwaga le ngwaga ka 1 Moranang . "
|
"12DIKGANG Leloko la palamente la ANC Mathole Motshekga a re voutu ya go se ikanye mopresidente Jacob Zuma e ka tswa e se kgato e e maleba ya go rarabolola mathata a ga jaana a lekoko.Tona ya merero ya selegae kwa Lesotho o ikuetse go Afrika Borwa go diega ka dikotlhao tsa bao ba fetileng nako ya bona ya bonno go fitlha diPhemiti tse di kgethegileng tsa Lesotho tsotlhe tse di maleba di tswelediwa mo bokhutlong ba Seetebosigo."
|
"Molekane wa gagwe , a ba tlhalosetsa , "" o ile toropong le base go phetha mabaka a polase "" . "
|
"“Morwa motho, tlhabeleletsa bontsi jwa Egepeto kuruetso, o ba digele mo mafelong a a tlasetlase a lefatshe, e bong ene Egepeto le bomorwadia merafe e e tumileng, ba ye le ba ba fologelang mo moleteng."
|
"Lotso lwa ga Lefi, Moše a se ka o lo naya boswa bope; Jehofa Modimo wa Iseraele ke ene boswa jwa bone, jaaka a buile nabo."
|
"(ii) kgotlapeomolao ya porofense e e maleba le Khansele ya Bosetšhaba ya"
|
"Godimo ga moo , ga go na mokgwa o o tlhamaletseng le o o tshwanang wa go tlhopha bafetoledi . "
|
"Fa morutabana a lekanyetsa o tshwanetse go tlhatlhoba tswelelo ya go fitlhelela dipoleothutong tse di tsepameng le tsa botlhokwa . "
|
"Neela dikao tseo ke sa di neelang fa . "
|
"Ba tshwana le banyana ba ba dutseng mo mananeng a motse, ba bitsanya ba re: ‘Re lo leleditse diletso, mme ga lo a ka lwa bina; ra kuruetsa, mme ga lo a ka lwa lela.’"
|
"Go mosola go ka nna le dikerii kgotsa khoso ya boraro ya Setswana . "
|
87
|
"A ba raya a re: “Lona lwa re ke mang?” Petere a mo fetola a re: “O Keresete wa Modimo.”"
|
"Go se ka ga itapolosa lona, le ene lo se ka lwa mo lesa a itapolosa, go tsamaya a tlhomamisa, le go tsamaya a dira Jerusalema pako mo lefatsheng pele."
|
"Morutabana a ka dirisa ditsela tse di farologaneng go lekanyetsa barutwana ba Setswana . "
|
"“Jehofa Modimo wa Iseraele o bua jaana, a go raya, wena Baruke, a re:"
|
"Go tlhagisiwe se ba lelapa le ditsala ba ka ikgopotsang moswi ka sona . "
|
"Lenaane le lengwe le shebile tiriso ya Artemisia go thibela coccidiosis mo dikgogong tsa nama."
|
"puso."
|
"Khonferense ya pusoselega e e e ka ga bašwaTona ya Lefapha la Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso (COGTA), Rre Des van Rooyen, o tla tshwara Khonferense ya Pusoselegae go simolola ka la bo 19 g fitlha ka la bo 22 Seetebosigo 2017, ka moono yo o reng, “Bašwa ba etelela pele tlhabololo”."
|
"“Ke a lo rapela, lo gopolele go tswa mo bakeng lwa gompieno, le go ya kwa morago, go tswa mo letsatsing la 24 la kgwedi ya 9, go tswa mo tsatsing le motheo wa tempele ya ga Jehofa o theilweng ka lone, lo go gopole."
|
"Dintlha tse di kgethegileng tsa boitekanelo jaaka thobalano le boitekanelo jwa pelegi mmogo le ditshwanelo le boikarabelo . "
|
"Ditirelo tsa Setlamo di akaretsa Tlaleletso jwa Semolao le Thoto ; Tlaleletso Bokaedi jwa Tsamaiso ya Tshedimosetso le Tlaleletso Tsamaiso ya Ditirelo tsa kgabaganyo dipuso le Tsamaiso . "
|
"Palogotlhe ya sefepi se podi e tlileng go se ja tsatsi lengwe le lengwe e metwa goya ka ‘Dry Matter Intake’ (DMI)."
|
"Go gokaganya le go tlhaeletsana le Mekgatlho ya indaseteri , Beng ba Kwadiso , badirelwa le setšhaba ka kakaretso . "
|
"Ka dilo dingwe, jaaka molao ole wa dikole dingwe, le ole wa ditlhatlhobo tsa mophato wa botlhano, (Form V) Sekgoa sa tlotlomadiwa go feta Setswana."
|
"Ke eng se o se ratang kgotsa se o sa se rateng ka ga bokwadi jwa ga Monyaise , o ikaegile ka padi e , Ngaka , mosadi mooka . "
|
"Ka moso ra tsena le Paulo kwa go Jakobe; mme bagolwane botlhe ba bo ba le teng."
|
"Ke go re, ka ga mokgwa wa botshelo jwa lona jwa gale, lo apole motho wa bogologolo, yo o bolang ka fa dithatong tsa tsietso;"
|
"O ka dirisa fela boleng ba dikgoka bo bo tlhokegang go fenya tshosetso kana kgano mme e seng go feta ( karolo 13 ya Molao wa SAPS : Dikgoka tse di lekaneng ) . "
|
"Moono wa monongwaga ke ""Metsi ke Botshelo - Dingwaga di le 20 tsa Tlamelo ya Metsi go Tlhabolola Loago le Ikonomi."""
|
"Ke sekao sa potso ya mo tlhatlhobong . "
|
"Fa go ka diragala gore boikuelo bo se duelwe , tshwetso mo boikuelong e ka nna ya faposiwa go fitlha nako e madi a duetsweng . "
|
"Epe eno e gagamatsa dikgato tsa rona tsa go lwantshana le go anama ga mogare ono."
|
"O na le lebaka la go ikutlwa jalo: o tlatseletsa mo diphitlhelelong tseno."
|
"Mekgwa e e tshwanetse go sekasekwa pele go tlhophiwa go tshwara gonne karolo 36 ( 1 ) ( e ) ya Molaotheo ya re o tshwanetse go lebelela kwa boleng bo bo fokoditsweng go le gonnye go fitlhelela lebaka ( mo lebakeng le go bona go nna teng ga motho kwa kgotlatshekelo ) . "
|
"Ba mo raya ba re: “A o a utlwa se ba se buang ba?” Jesu a ba raya a re: “Ee, a ga lo ise lo ke lo bale fa go reng: ‘O lekantse pako ka a a tswang melomong ya banyana, le ba ba anyang?’ ”"
|
"Go Kgarietsana kwa Dikolong."
|
"Ke tlaa mo thethebatsa pelo ka botshelo jo boleele, ke mo supetsa poloka ya me.”"
|
"Foo lelata le le disitseng kgoro la raya Petere la re: “A le wena o mongwe wa barutwa ba monna yo?” A re: “Nnyaa.”"
|
"E rile mo letsatsing le ke biditseng ka lone, wa nkaraba, wa nnonofisa ka thata mo moeng wa me."
|
"mokgweetsi eric keabetswe masisi tshotswe ka di phukwi ke tautona wa botlhano wa lefatshe la botswana go simolola ka di moranang setse kile dira le tona wa tsa thuto ka ngwaga wa mme dira gape le tona wa tsa bodiredi mo ofising ya ga tautona le tsa merafe go simolola ka ngwaga wa go fitlha ka ngwaga wa ne tlhophiwa lantlha go ya palamêntêng ka ngwaga wa botshelô rre mokgweetsi masisi ke morwa wa ga edson masisi yo neng le leloko la palamêntê kwa moshupa rre masisi goletse mo torôpôkgôlô gaborone tsena sekolo see see botlana kwa thornhill primary school mme ya go tsweledisa see segolwane kwa maru pula school kwa sekolong ne tsenelela dikgaisano tsa kgwele ya dinao le thênêsê mme kwa bofelong felela kgatlhêgela tsa kgatô ka ngwaga wa ne akgolelwa kêtêlêlo pele ya gagwe ya tlhamô ya mo gaborone ya cry the beloved country mme galaletswa ke alan paton ka tiragatsô ya gagwe fa go tswêlêtswêle ka ngwaga wa ne nna moanêlwamogolo wa go dira le metshamekô mme gape nna karolô ya di filimi tsa south africa movies tirô ka ngwaga wa rre masisi ne nna morutabana wa dithuto tsa social studies dingwaga di le mmalwa morago fa sena go aloga kwa yunibesithi ya botswana ka ngwaga wa mo go tsa sekgowa le ditsô mme tswelela ka go ya go ruta kwa sekolong se se golwane sa mmanaana ka ngwaga wa mo motsaneng wa moshupa pele fa simolola le yunibesithi ya botswana ka ngwaga wa le moitseanape wa tsa kgolô ya dithutô tsa sekolo ka ngwaga wa ne ya kwa florida state university go ithutela bonkge jwa digerata tsa thutô mme morago thapiwa ke unicef mo botswana rre masisi ne seka bona tlhôphô ya botswana democratic party bdp go emela kgaolô ya botlhophi mo moshupa ka di ditlhopho tsa ngwaga wa le fa go ntse jalo ne tsaya tlhôphô ya bdp pele ga ditlhôphô tsa ngwaga wa mme fenya setilô mme ka bofefo ne tlhôphiwa go nna mothusa tona wa tsa bodiredi kwa ofising ya ga tautona le bodiredi jwa tsa merafe ka phalane moragonyana ga ngwaga le mothusa tona wa tsa bodiredi jwa ofisi ya ga tautona le tsa merafe ka ferikgong rre masisi ne nna tona wa thutô le tlhabololô ya tsa boitseanape tshwareletse ka moranang ne tlhôphiwa gape mo setilông sa palamêntê ka phalane mme thapiwa go nna tona wa thutô le tlhabololô ya tsa boitseanape ka phalane rre masisi ne thapiwa ke moetêlêdipele ian khama go nna mothusa tautona wa botswana ka ngwanaatsele fa santse tshwareletse le tona wa tsa thutô ka moranang ne ikanisiwa go nna tautona wa lefatshe la botswana wa botlhano yo mo bigompienong direlang le tautona wa lefatshe la botswana phitlhêlêlô tautona wa pele rre khama ne thapa rre masisi go nna tonakgolo wa yunibesithi ya botswanaka phukwi tlhôphô ne ikaegile ka karolô ya bosupa ya molao motheo wa yunibesithi ya botswana ya ngwaga wa ne ele ya sebaka sa dingwaga tse tlhano references"
|
"Mogwebi yo mongwe, Sarah Shongwe yo le ene a tswang kwa Swaziland, ebile a rekisa dithoto tse di tshwanang le tsa ga Jele, a re o lemogile fa Batswana ba sa reke dithoto tsa bone go na jaaka pele."
|
"Setlhogo se ke ntlhakgolo e e dirang gore o kwale lekwalo . "
|
"Dinako tse tsa neelo di tla diragadiwa ka fa tlase ga maemo a a siameng . "
|
"Selo se se tswalang ka 2002 se taelo ya tshenyo e leng D3 , se tla tsenngwa ka jalo ka fa tlase ga ngwaga 2005 , ka go rialo se dira bonolo go lemoga gore ke dilo dife tse di tla senngwang mo ngwageng ofe o o rileng . "
|
"Lo tlaa tlogelwa lo le babotlana mo palong, le mororo lo ne lo ntse jaaka dinaledi tsa legodimo ka bontsi; gonne ga o a ka wa reetsa lentswe la Jehofa Modimo wa gago."
|
"Elekana morwawe, Ebiasafe morwawe, le Asire morwawe;"
|
"O aba kapoko e nne jaaka bobowa; a gase kgogotshwane, e nne jaaka melora."
|
"Ngwana wa gago o tla entwa go ya ka mengwaga ya gagwe . "
|
"Morago ga malatsi a se makae Ntope o a tlhokofala . "
|
"Tshwanelo ya moithuti go kgethololwa kgatlhanong mo mabakeng a sedumedi le tshwanelo ya gagwe kwa thutong kgatlhanong le tshwanelo kwa setsong sa gagwe . "
|
"Kabinete gape e kopa baagi go tswelela go dirisana le mekgatlho ya netefatso ya kobamelo ya molao mo twantshong ya bosenyi mo WEBTOKEN tshwanetse gape go ela tlhoko gore tshireletso ya bana ke maikarabelo a batsadi le morafe."
|
"Go e nngwe le e nngwe ya dintlha tse , o tshwanetse go itse gore o tshwanetse go di ruta a kaela ke dikakanyo tsa patlisiso efe . "
|
"Kwalela Masepala wa Tlokwe mme o kope gore a agele setšhaba sa kwa Sarafina laeborari . "
|
"Lekwalotlhomo le tshitshinya ditlapele tsa togamaano di le tharo, Tsweletso ya botshelo jwa lelapa jo bo itekanetseng, maatlafatso ya Lelapa mmogo le tshomarelo ya Lelapa."
|
"Ditlholego tsa ntwa di ka sobolokanngwa ka dintlha di le tharo ; motlhokofadiwa , moemedi le tikologo . "
|
"Ga go tumalano epe , le gale , e e kileng ya fitlhelelwa mo lebakeng le . "
|
"Go godisa maitsholo a a siameng a sepodisi . "
|
"Kopanotirelo ya Cartel ya ICN e tla netefatsa thefosano ya dikakanyo le kgolagano ya dintlha tse di amang botsayakarolo jwa maloko a yona a cartel le Ditheo tseo Eseng tsa Puso mo lefatsheng ka bophara.3 Kabinete e boleletswe ka ga tswelelopele ya sešweng e e dirilweng mo kotareng ya ntlha ya 2013/14 ka ga Tumelano ya go Thapiwa ga Bašwa e e saenilweng ka la bo 18 Moranang 2013.Dintlhakgolo di le thataro tsa Tumelano eno ke (1) thuto le katiso, (2) maitemogelo a tiro, (3) masupatsela a bašwa, (4) selekanyetso sa bašwa se se beetsweng thoko, (5) boitlhamedikgwebo jwa bašwa le dikgwebotlhakanelo mmogo le (6) maano a makala a poraefete."
|
"Merafe e utlwetse ditlhong tsa gago, le lefatshe le tletse go goa ga gago; gonne seganka se thulakanye le seganka, di ole tsoo pedi mmogo.”"
|
"Naya mabaka a le mabedi go ya ka temana . "
|
"Kabinete e amogetse Dipuo tsa Thebolo Tekanyetsokabo tsa mafapha a a farologaneng ebile e itumedisitse ke dipegelo tse di tseneletseng tse di tlhagisitsweng ke ditona ka ga kgatelopele e e dirilweng mo go tokafatseng matshelo a batho."
|
"Neela mekgwa yotlhe ya tlhaeletsano le leina la yo go ka buisanwang le ena . "
|
"badumedi ba oketsegela Morena bogolo, bontsi jwa banna le basadi."
|
Subsets and Splits
No community queries yet
The top public SQL queries from the community will appear here once available.